Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Bosheng jaana diphuthego di le nnè di ne tsa itumelela go dirisa Diholo tsa tsone tsa Bogosi tse di sa tswang go kgakolwa. Diphuthego tseo ke Botshabelo West (Free State), Elandsdoorn le Dennilton (bokone jwa Pretoria), le Osizweni East (Newcastle).
Re leboga botlhe ba ba ileng ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi bano go aga mafelo ano a mantle a kobamelo a ba tla tlotlang Jehofa mo go one. Thulaganyo ya go aga Diholo tsa Bogosi e gatela pele ka bofefo mme re kgothaletsa baithaopi botlhe go tswelela pele ka moya o montle o ba nang le one wa go ema nokeng Komiti ya Kago ya Kgaolo ya bone.