Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang tsa poeletso mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 29, 2007. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 3 go ya go October 29, 2007.
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke ka ntlha yang fa go boeletsa dintlha e le mokgwa o o botlhokwa wa go ruta? [be-TN ts. 206 ser. 1-2, lebokose]
2. Re ka gatelela setlhogo sa puo ka ditsela dife? [be-TN ts. 210, lebokose]
3. Dintlha tsa konokono tsa puo ke eng, mme ke eng se se kaelang sebui gore se di tlhophe? [be-TN ts. 212 ser. 1-3]
4. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go nna le dintlha tse dintsi tsa konokono mo puong? [be-TN ts. 213 ser. 2-4]
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore matseno a rona a tsose kgatlhego, mme seno se ka dirwa jang? [be-TN ts. 215 ser. 1; ts. 216 ser. 1-3, lebokose]
PUO NO. 1
6. Pesalema 119:89, 90 e re thusa jang go tlhaloganya gore re ka ikaega ka lefoko la Modimo? [w05-TN 4/15 ts. 15 ser. 3]
7. Buka ya Esekiele e gatelela eng, mme go tla diragala eng ka ba gone jaanong ba tshelang le go obamela ka tsela e e itumedisang Jehofa? [si-TN ts. 137 ser. 33]
8. “Lefoko la ga Jehofa” le ka sireletsa pelo ya rona jang? (Pes. 18:30) [w05-TN 9/1 ts. 30 ser. 2]
9. Tsholofelo ya Bogosi e gatelelwa jang mo bukeng yotlhe ya Daniele? [si-TN ts. 142 ser. 23]
10. Buka ya Hosea e nonotsha tumelo ya rona jang mo boporofeting jo bo tlhotlheleditsweng jwa ga Jehofa? [si-TN ts. 145 ser. 14]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Go lekanngwa ga tempele mo ponatshegelong ya ga Esekiele go supa eng, mme seno se re tlhomamisetsa eng gompieno? (Esek. 40:2-5) [w99-TN 3/1 ts. 9 ser. 6; ts. 14 ser. 7]
12. Mo go diragadiweng ga bofelo ga ponatshegelo ya ga Esekiele, ke mang “kgosana”? (Esek. 48:21) [w99-TN 3/1 ts. 16 ser. 13-15; ts. 22-3 ser. 19-20]
13. Daniele 2:21 e kaya eng? [w98-TN 9/15 ts. 12 ser. 9]
14. Ke eng se se dirileng Daniele “mongwe yo o rategang” mo matlhong a ga Jehofa? (Dan. 9:23) [dp-TN ts. 185 ser. 12; w04-TN 8/1 ts. 12 ser. 17]
15. Ke ka tsela efe go neng go se na “kitso ya Modimo mo lefatsheng” la Iseraele, mme mafoko ao a tshwanetse go re ama jang? (Hos. 4:1, 2, 6) [w05-TN 11/15 ts. 21 ser. 21; jd-TN ts. 57-8 ser. 5; ts. 61 ser. 10]