LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/07 ts. 6
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 9/07 ts. 6

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka September: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka ka natla go simolola dithuto tsa Baebele mo loetong lwa ntlha. Fa beng ba matlo ba setse ba na le buka eno, ba bontshe kafa e ka ba solegelang molemo ka gone ka go ba bontsha ka bokhutshwane kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Atamalana le Jehofa.

◼ E re ka September e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.

◼ Go tla tlotliwa ka bidio ya Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News kwa Pokanong ya Tirelo ka December. Fa go tlhokega, dibidio tseno di tshwanetse go otariwa ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.

◼ Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya paka ya Segopotso ka 2008 e tla neelwa ka beke ya March 31, 2008. Setlhogo sa puo eno se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di na le molebedi wa potologo kgotsa kopano ka mafelobeke ao di tla nna le puo e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go nna le puo e e kgethegileng pele ga beke ya March 31.

◼ Mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi setlhogo sa “Latela Keresete ka go Bontsha Seriti” le sa “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo” go tla rulaganngwa gore go tlotliwe ka tsone mo Pokanong ya Tirelo go ela kwa bofelong jwa October. Le fa go ntse jalo kwa Namibia le Botswana, kwa dikopano di tla tshwarwang gone pelenyana ga foo, diphuthego di tshwanetse go rulaganya go tlotla ka ditlhogo tseno bobotlana dibeke di le tharo pele ga kopano e di e e abetsweng.

◼ Diphuthego tse pele di neng di otarile temana ya ngwaga ya 2007 ga di tlhoke go otara temana ya ngwaga ya 2008 e re ka di tla e romelelwa go ya ka otara ya tsone ya nako e e fetileng. Le fa go ntse jalo, diphuthego tse di neng di sa otara temana ya ngwaga ya 2007, mme di ka rata go amogela temana ya ngwaga ya 2008 di tshwanetse go romela otara ya tsone ya temana ya ngwaga ya 2008 mo kopong e e latelang ya dibuka. Go fitlha di nna gone, di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana. Temana ya ngwaga e tla nna gone ka Seburu, Seesemane, Sekwangali, Sekwanyama, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setswana, Setsonga, Sevenda, Sexhosa, le Sezulu. Ditemana tseno tsa ngwaga di gatisiwa ke khampani nngwe ya kwa ntle mme ka jalo re batla go gakologelwa gore ke boikarabelo jwa rona go tshegetsa ka bopelotshweu tiro ya Bogosi ka go ntsha meneelo ya boithaopo go duela ditshenyegelo tseno. Diphuthego di tshwanetse go pega temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 2008.

◼ Ka dinako tse dingwe ofisi ya lekala e amogela diforomo tsa Literature Request Forms (S-14) le Congregation Requests (M-202) di sa kwalwa leina le nomoro ya phuthego. Mo maemong a a ntseng jalo, ga re kgone go romela diotara tseo. Re gakolola mokwaledi gore o tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko dintlha tseno fa a saena le go romela foromo.

◼ Tirelo ya Rona ya Bogosi e gatisiwa mo nageng eno ka dipuo tseno tsa dinaga di sele: Se-Amharic, Se-China (sa Ntlhantlha, se se Tlhofofaditsweng, se se Tlhofofaditsweng [Se-Pinyin]), Sefora, Segerika, Sentadiana, Sejapane, Se-Poland, Seperesia le Se-Spain. Di gatisiwa ka nako e le nngwe le dikgatiso tsa dipuo tsa kwano mme di abiwa ka nako gore di dirisiwe mo Pokanong ya Tirelo. Le fa go ntse jalo, diteng tsa yone di ka farologana go se kae le diteng tsa kgatiso ya Seesemane sa Afrika Borwa. Fa diphuthego di batla Tirelo ya Rona ya Bogosi ka dipuo tseno, di tshwanetse go romela diotara ka foromo ya Congregation Requests (M-202). Fa lo batla kgatiso eno ka dipuo tse di sa kwalwang fano, tsweetswee ikgolaganyeng le ofisi ya lekala ka go kwala lekwalo (kgotsa ka founo) go bona tshedimosetso e e oketsegileng mme lo umake kitsiso eno.

◼ Re amogela dimakasine tse di farologaneng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dipuo di sele go tswa kwa makaleng a a kwa moseja. Re romelelwa dimakasine tseno go dirisiwa mokgwa o o sa tureng thata mme ka jalo gantsi ga di tle ka nako pele ga Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke. Le fa go ntse jalo, fa diphuthego di tlhoka thata dimakasine tsa dipuo tse di rileng ka nako pele ga Thuto ya Tora ya Tebelo, re ka kgona go lo naya makasine wa ditlhogo tse di ithutiwang fela. Tsweetswee ikgolaganyeng le ofisi ya lekala ka go kwala lekwalo (kgotsa ka founo) go bona tshedimosetso e e oketsegileng mme lo umake tshedimosetso eno.

◼ Go tloga ka January 2008 Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla gatisiwa le ka Sekwangali le Sekwanyama/Sendonga. Diphuthego di tshwanetse go romela diotara tsa tsone tsa dikgatiso tsa dipuo tseno di dirisa foromo ya Congregation Requests (M-202) pele ga October 1, 2007 gore di kgone go amogela kgatiso ya ntlha ya January 2008.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:

“All Scripture”—Authentic and Beneficial (boroutšhara jwa 2008) (bsi08)—Sekwangali, Sekwanyama

Opelelang Jehofa Dipako—Dipina Fela (dipina di le 100) (sb100) —Sekwangali

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela