LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/07 ts. 1-7
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Anaanela Babulatsela ba Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 9/07 ts. 1-7

Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Baboledi ba Bogosi ba ba Rategang:

Re itumeletse go bona kafa tiro e gatetseng pele ka teng mo ditshimong tse di tlhokometsweng ke lekala la Afrika Borwa mo ngwageng wa tirelo wa 2007! Re ile ra fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 79 266 mo Afrika Borwa ka April. Ka January Lesotho e ile ya bega tlhora e ntšha ya baboledi ba le 3 376 mme Botswana ya fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 681. Namibia e ile ya bega tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 499 ka March mme Swaziland yone ya bega baboledi ba le 2 529 ka April. Bakaulengwe lo dirile go ka tlala seatla! Ga re a ka ra kgona go fitlhelela mokgele o re neng re ipeetse one wa babulatsela ba ba thusang ba le 14 000 ka April, jaaka fa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February e ile ya akantsha. Le fa go ntse jalo, palogotlhe ya baboledi ba le 9 036 ba ile ba tsenela bobulatsela jo bo thusang mo dinageng tsotlhe tse di tlhokometsweng ke lekala la rona.

Ka September 2006 bontsi bo ile jwa itumelela go tsamaisa Tsogang! e e kgethegileng. Morago ga moo, re ile ra nna le letsholo la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 37 ya setlhogo se se reng, “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!” Morago ga gore kgaitsadi mongwe yo o neng a tsidifetse a newe khopi ya pampitshana eno le go e bala, o ne a se ka a kgona go bona boroko. Sontaga e e latelang o ne a nna gone kwa pokanong mme a kopa gore a tshwarelwe thuto ya Baebele. Taletso e e kgethegileng ya dikopano tsa kgaolo le yone e ne ya dira gore go nne le batho ba le bantsi ba ba nnang gone kwa dikopanong tseno. Lekawana lengwe kwa KwaZulu Natal le ne la amogela taletso mme la nna gone kwa kopanong. Fa e sa le ka nako eo ga le ise le ko le tlolwe ke pokano epe mme gone jaanong ke mmoledi yo o sa kolobediwang. Ba bangwe mo lefelong la bone ba bone diphetogo tse monna yono a di dirileng mme le bone ba ile ba kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele e bile ba nna gone kwa dipokanong. Monongwaga le teng re tla nna le tshono ya go laletsa batho go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Latela Keresete!”

Boikaelelo jwa matsholo ano ke go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go ithuta se totatota Baebele e se rutang. (Math. 28:19, 20) Fa o ntse o rera, se lebale go ela tlhoko batho bape fela ba ba bontshang kgatlhego, mme o boele kwa go bone ka boikaelelo jwa go simolola thuto ya Baebele le bone. Re itumelela go bo re dira mmogo le lona re le seoposengwe mo tirong eno e e botlhokwa, mme re lo romelela lorato lwa rona lo logolo lwa Bokeresete.

Bakaulengwe ba lona,

Ofisi ya Lekala ya Afrika Borwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela