Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Nnang lo Disitse!, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. September: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka ka natla go simolola dithuto tsa Baebele mo loetong lwa ntlha. Fa beng ba matlo ba setse ba na le buka eno, ba bontshe kafa e ka ba solegelang molemo ka gone ka go ba bontsha ka bokhutshwane kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe, e e jaaka ya go baakanya holo kana ya go aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego ka seno ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto. Ka ntlha ya molao wa SARS o o batlang gore diphuthego di kwadisiwe go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBO), diphuthego di kopiwa gore di romele ditlankana tsa tsone tsa diakhaonto tsa March, April, le May kwa ofising ya lekala fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone. Mokwaledi le motlhanka wa diakhaonto ba tshwanetse go tlhomamisa gore ditlankana tsa diakhaonto di tladitswe sentle le ka tsela e e rulaganeng sentle le gore ba rometse dilo tse di latelang: Pampiri ya Diakhaonto (S-26), Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30), Dirasiti (S-24), dirasiti tsa ditshenyegelo le seteitemente sa banka sa kgwedi nngwe le nngwe (fa e le gore phuthego e na le akhaonto ya banka). Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office—PBO Registration.
◼ Re tla romelela phuthego nngwe le nngwe diforomo tsa ngwaga le ngwaga tsa ngwaga wa tirelo wa 2008 di le mo dienfelopong tse dikgolo ka phuthego e e okametseng. E re ka maina a diphuthego tse di kafa tlase ga phuthego e e okametseng a sa kwalwe kafa ntle ga enfelopo, mookamedi wa dibuka o tshwanetse go leba lenaane la go paka dilwana ka kelotlhoko mme a tlhomamise gore diphuthego tsotlhe tse di kafa tlase ga phuthego e e okametseng di romelelwa diforomo tseo ka bonako.
◼ Diphuthego di tshwanetse go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2008 fa di romela kopo e e latelang ya tsone ya dibuka. Dilo tse di latelang ga di a tshwanela go kopiwa ka gonne di romelwa mmogo le diforomo tse phuthego e di newang ngwaga le ngwaga: Congregation Report (S-1), Report Card Envelopes (rce), Foromo ya go Romela Meneelo (S-20), Pego ya go Tlhatlhoba Diakhaonto Tsa Phuthego (S-25), Pampiri ya Diakhaonto (S-26), le Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30). Tsweetswee dirisetsang diforomo tsotlhe boikaelelo jwa tsone fela.
◼ Letlha la kopano ya potologo ya Sepotokisi le fetotswe go nna ka July 28, 29, 2007. Kopano eno e sa ntse e tla tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? (dg)—Sekwanyama
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—E Kgolo (bi8)—Seburu, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu
Opelelang Jehofa Dipako—Dipina Fela (dipina di le 100) (sb100)—Sevenda
◼ Di-Compact Disc Tse Disha ka MP3 Tse di Gone:
Kingdom Melodies (mpmel)