Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya “Latela Keresete!”
Baboledi ba Tla Boa Gape ba Anamisa Taletso e e Kgethegileng
1 Ngwaga o o fetileng letsholo la lefatshe lotlhe la go phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” le ne la nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba ba kgatlhegang. Batho ba ba neng ba amogela taletso eno e e kgethegileng mme ba nna gone mo kopanong eo ba ne ba iponela ka bobone kafa Basupi ba ga Jehofa ba itumelelang mokete o mogolo wa semoya ka teng. (Isa. 65:13) Ba ne ba itumelela botsala jo bo lorato le jo bo seoposengwe jwa bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete. (Pes. 133:1) Re tla boa gape re anamisa pampitshana e e kgethegileng ya taletso e le gore re kgone go thusa batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Latela Keresete!”
2 Matswela Ngogola: Go ya ka dipego tse di tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, go nnile le matswela a a molemo ka go phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” Mo mafelong a le mantsi metswedi ya dikgang e ne ya bega thata ka letsholo leno. Ka sekai, mo motseng mongwe, lokwalodikgang longwe lo ne lwa gatisa setlhogo sa dikholomo di le thataro ka letsholo leno, se re: “Go laletsa batho ba bantsi kafa ba ka kgonang ka teng, Basupi ba ntse ba dira maiteko a magolo a go laletsa batho mo motseng—ba dira diura tse dintsi, ba tsaya mesepele e meleele ka maoto le go bua le batho ka bonako.” Letsholo leno la go anamisa pampitshana ya taletso le ne la dira gore metswedi ya dikgang ya motse mongwe e bue thata ka lone. Bobotlana makwalodikgang a le mararo a ne a bega ka tiro e e neng ya dirwa pele ga kopano. Mmegadikgang mongwe o ne a kwala ditlhogo di le mmalwa tse di buang thata ka seno tse di neng di le boleele jwa ditsebe di le pedi mo kgatisong ya Sontaga ya lokwalodikgang loo. Di ne tsa tlhalosa ka botlalo dilo tse re di dumelang, bokaulengwe jwa rona, go anamisiwa ga taletso le kaga kopano. Fa mmoledi mongwe a ne a abela mongwe pampitshana, motho yoo o ne a mo tsena ganong, a re: “Ee, ke sa tswa go bala ka pampitshana eno gone fela jaanong mo lokwalodikgannyeng!” Mong wa ntlo mongwe o ne a khutsa jaana: “Ke sa tswa go bala ka lona gone fela jaanong jaana mme jaanong ke fano le tlile kwano! A eno ke taletso ya me?” A bo a oketsa ka go re, “Lo dira tiro e e molemo tota lona Basupi.”
3 Batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ne ba bonwa ba tla kopanong ba tshotse dipampitshana tsa bone tsa taletso. Batho bangwe ba ba kgatlhegang ba ne ba tla ka dikoloi ba tswa kwa metseng e e kwa kgakala go nna gone mo thulaganyong. Matsapa a rona a magolo a go laletsa batho a ne a dira gore palo ya ba ba neng ba nna gone e oketsege thata, mo e bileng kwa nageng nngwe go neng ga nna le koketsego ya diperesente di le 27 fa go bapisiwa le ngwaga pele ga oo.
4 Go Akaretsa Tshimo Yotlhe: Lo ka nna lwa simolola go anamisa taletso dibeke di le tharo pele ga kopano ya lona. Lo tshwanetse go dira maiteko a magolo go akaretsa tshimo yotlhe ya phuthego ya lona. Mo diphuthegong tse di nang le tshimo e kgolo thata, baboledi ba ka nna ba tlogela ditaletso ka botlhale mo matlong a a se nang batho mo bekeng ya bofelo ya pele ga kopano. Diphuthego di tshwanetse go leka ka bojotlhe go anamisa dipampitshana tsotlhe tse di di abetsweng le go akaretsa tshimo e kgolo ka mo di ka kgonang ka teng. Dipampitshana dipe fela tse di salang di ka abelwa babulatsela mo phuthegong.
5 Se o Ka se Buang: O ka nna wa bua sengwe se se jaaka seno: “Re mo letsholong la lefatshe lotlhe la go abela batho pampitshana eno e e laletsang batho go tla tiragalong e e botlhokwa e e tlang. Pampitshana ya gago ke eno. O tla bona dintlha ka botlalo mo taletsong eno.” Go lwela go bua le batho ka bokhutshwane go tla re thusa gore re kgone go akaretsa tshimo e ntsi. Ke boammaaruri gore, fa mong wa ntlo a na le dipotso, iphe nako ya go di araba. Fa motho a bontsha kgatlhego, kwala dintlha ka ene mme o boele gape kwa go ene ka bonako jo bo kgonegang.
6 A bo go le botlhokwa jang ne gore re latele Keresete! (Joh. 3:36) Kopano ya rona ya kgaolo e e tlang e tla thusa botlhe ba ba tla nnang gone kwa go yone go dira jalo. Ruri re ka lebelela gore go tla neelwa bosupi jo bongwe gape jo bogolo ka letsholo leno la go phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya “Latela Keresete!” Ka gone, laletsa batho ba bantsi ka mo o ka kgonang ka teng go nna gone kwa go yone. E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko a gago thata fa o ntse o nna le seabe mo letsholong leno la lefatshe lotlhe.