Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! June: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe, e e jaaka ya go baakanya holo kana ya go aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego ka seno ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tse di ikwadiseditseng go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBOs) di kopiwa gore fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone di romele ditlankana tsa tsone tsa diakhaonto tsa December, January, le February kwa ofising ya lekala. Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office.
◼ Diphuthego di tshwanetse go ntsha dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fela fa di sena go di amogela. Seno se tla thusa baboledi go tlwaelana le se se mo dimakasineng tseno pele ga ba di aba mo tirelong ya tshimo.
◼ Ofisi ya lekala ga e romele diotara tsa dibuka tse baboledi ba di otarang ka bobone. Baboledi ba tshwanetse go otara dibuka tsa bone ka phuthego. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go dirwe kitsiso kgwedi le kgwedi pele ga otara ya dibuka ya phuthego e romelwa kwa ofising ya lekala e le gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka tsa bone ka namana ba itsise mokaulengwe yo o tlhokomelang dibuka. Tsweetswee elang tlhoko gore ke dikgatiso dife tse e leng dilwana tsa diotara tse di kgethegileng. Phuthego e tshwanetse go otara dilwana tseno fela fa go na le mongwe yo o di otarileng. Literature Request Form (S-14) e tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi nngwe le nngwe.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara dibolumo tsa The Watchtower le Awake! tsa 2006. Dibolumo tseno di tla bo di le gone ka Seesemane, Sefora, Sepotokisi le Setšhaena (Se se tlwaelegileng). Diotara tsa dibolumo tseno di tla tlhaga di kwadilwe “Pending” mo lenaaneng la dibuka tse di pakilweng la phuthego ya lona go fitlha di setse di le gone e bile di rometswe. Dibolumo ke dilwana tsa diotara tse di kgethegileng.
◼ Fa o robaditswe kwa bookelong mme o batla gore bagolwane ba lefelo leo kana bagolwane ba Setlhopha se se Etelang Balwetse ba nne le leina la gago, tsweetswee ipolele gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa bookelong joo mme o kope gore seo se bontshiwe mo lenaaneng la balwetse. Ba tlhalosetse gore o ka rata gore mongwe wa badiredi ba Basupi ba ga Jehofa a go etele.
◼ Bagolwane, segolobogolo Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego, ba tshwanetse go tlhomamisa gore mmoledi mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng mo setlhopheng sa bone o tladitse karata e ntšha ya DPA jaaka go laetswe mo pokanong ya tirelo ya January 22, 2007 le mo lekwalong la October 8, 2006, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane.
◼ Batlhanka ba dibuka ba tshwanetse go ela tlhoko gore sete ya dialebamo tse tlhano ya Sing Praises to Jehovah—On Audiocassette (csLsb) e e dirisiwang mo dipokanong tsa phuthego ga e tlhole e le gone. Jaanong go ka otariwa sete ya di-CD tse robedi tsa Sing Praises to Jehovah—On Compact Disc (cdsb) mo boemong jwa yone.
◼ Kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya Sepotokisi e tla tshwarwa ka March 3, 2007. Kopano ya potologo ya Sepotokisi e tla tshwarwa ka July 21, 22, 2007. Dithulaganyo tseno ka bobedi di tla tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof, Johannesburg.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa (jd)—Seburu, Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu.
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika (bi7)—Se-Chichewa