LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/06 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 9/06 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka September: Totatota Baebele e Ruta Eng? October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.

◼ Diphuthego di tshwanetse go otara temana ya ngwaga ya 2007 mo kopong e e latelang ya tsone ya dibuka. Tsweetswee lo se ka lwa diega go romela diotara tsa lona e re ka go se kitla go dirwa dithulaganyo dipe tse di kgethegileng tsa go romela dilwana tse di otarilweng morago ga nako. Temana ya ngwaga e tla nna gone ka Seburu, Seesemane, Sekwangali, Sekwanyama, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, le Sezulu. Diphuthego di ka kopela puo nngwe le nngwe temana e le nngwe fela ya ngwaga. Diphuthego di tshwanetse go pega temana ya ngwaga ka January 1, 2007.

◼ Re gakolola baboledi gore go ja madi a le mantsi go gatisa dikgatiso ka Mokwalo wa Difofu—go gatisa dilwana tse dikgolo go ja diranta di le diketekete. Fa mokwaledi wa phuthego a saena foromo ya Literature Request Form (S-14) o tshwanetse go tlhomamisa gore dilwana tseno di otarelwa baboledi kgotsa baithuti ba Baebele ba ba gatetseng pele.

◼ Batlhanka ba dibuka ba tshwanetse go ela tlhoko gore diphuthego di romeletswe diforomo tsa Literature Request Forms (S-14) tsa ngwaga o mosha wa tirelo. Ka jalo ga go tlhokege gore lo otare diforomo tseno ntle le fa di ka fela.

◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse di mo tsebeng ya 21-3 tsa makasine wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, malebana le go etela batho ba ba kgaotsweng kgotsa ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go boela mo phuthegong.

◼ Gantsi go dirwa dikitsiso tse di botlhokwa mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi malebana le go otara dibuka. Batlhanka ba dibuka ba tshwanetse go bala dikitsiso tseno ka bonako fa ba sena go newa dikhopi tsa bone tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi mme ba latele ditaelo tseo ka bonako.

◼ Lo tshwanetse go romela dingongorego tse lo nang le tsone malebana le dibuka ka lekwalo kwa ofising ya lekala ka poso, kgotsa ka fax (011) 761-1380, kgotsa ka e-mail (literature@jw.org.za). Le fa go ntse jalo, fa go potlakile, jaaka fa lo sa romelelwa dibuka, lo ka ikgolaganya le Lephata la Dibuka mo nomoreng eno ya mogala (011) 761-1000.

◼ Ka dinako tse dingwe ofisi ya lekala e amogela diotara tse di batliwang ka potlako. Tsweetswee lo se ka lwa romela diotara tse lo di batlang ka potlako ntle le fa e le gore lo romeletswe dilwana tse di phoso. Dikgatiso tse di tlhokegang tse di tla tsamaisiwang, tsa letsholo le le kgethegileng, tse di tla ithutiwang kwa dipokanong le diforomo, go itsisiwe ka tsone go sa le gale. Fa lo rulaganya dilo sentle, go ka se nne le bontsi jwa diotara tse di batlegang ka potlako. Diotara tsa dibuka tse di dirwang ka metlha di tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi le kgwedi, le fa e le tsa dilwana di le mmalwa fela.

◼ Tsweetswee lo se ka lwa romela diforomo tsa Literature Request Forms (S-14) ka fax kwa ofising ya lekala e re ka di sa bonale sentle. Go botoka gore lo romele diforomo tseno tsa S-14 ka teraka ya dibuka kgotsa ka poso. Batlhanka ba dibuka ba tshwanetse go leba thulaganyo ya go romelwa ga dibuka ka kelotlhoko go bona gore go tlile go romelwa leng dilwana mme ba tlhomamise gore diforomo tsa bone tsa S-14 di gone kwa depong gore di tle di tsewe.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:

Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!—Ka Mokwalo o Mogolo (ditsebe di le 800)—Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Sezulu

◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse di Gone

Nnang lo Disitse!—Puo ya Diatla ya Amerika

Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?—Puo ya Diatla ya Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela