Lebokoso la Dipotso
◼ A go siame gore motho a kgobokanye dintlha tsa dipuo tse di tlileng go neelwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo a bo a di abela ba bangwe?
Ga go molato go direla jalo ba lelapa le ditsala di se kae tse re atamalaneng thata le tsone. Le fa go ntse jalo, ga go a siama go abela mongwe le mongwe dintlha tseno kgotsa go di naya batho ka go kopa madi, e re ka seno e tla bo e le go tlola melao ya ditshwanelo tsa bagatisi.—Bar. 13:1.
Dipuo dingwe tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo di abelwa setlhogo fela; ga go supiwe gore dintlha tsa puo di tswa mo kgatisong efe. A go tla bo go siame gore mongwe a dire lenaane la ditshupiso kgotsa a kwale gore dintlha tsa puo di tswa mo kgatisong efe gore batho ba ba nang le dipuo tseo ba di dirise? Nnyaa. E bile go tla bo go sa tshwanela go kwala dikarabo tsa dipotso tsa Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo gore ba bangwe ba di dirise, e re ka seno se se kitla se ba thusa go gakologelwa dintlha tsa botlhokwa. Diithuti di tshwanetse go itirela dipatlisiso. Eno ke karolo ya botlhokwa ya thapiso e Jehofa a re nayang yone ka sekolo go re thusa go bua ka “loleme lwa ba ba rutilweng.”—Isa. 50:4.