Bodiredi Jwa Rona—Tiro e e Bontshang Gore Re na Le Kutlwelobotlhoko
1 Jesu o ne a lemoga gore boidiidi jwa batho ba ba neng ba reeditse molaetsa wa gagwe ba ne ba “sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) Ka bonolo le lorato, o ne a ba ruta ditsela tsa ga Jehofa, a ba gomotsa mme o ne a ba bontsha kutlwelobotlhoko ka go ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka semoyeng. Fa re tlhatlhanya ka ditsela tsa ga Jesu, re ithuta go akanya le go ikutlwa ka tsela e a neng a akanya le go ikutlwa ka yone, mme nonofo eno ya kutlwelobotlhoko e tla bonala mo bodireding jwa rona.
2 A o ke o akanye fela kafa Jesu a neng a dira ka gone fa batho ba ba neng ba tlhoka thuso ba ne ba tla kwa go ene. (Luke 5:12, 13; 8:43-48) O ne a akanyetsa ba ba nang le maemo mangwe a a kgethegileng. (Mar. 7:31-35) O ne a ela tlhoko tsela e ba bangwe ba ikutlwang ka yone e bile a bontsha gore o amega ka bone. O ne a sa lebe bokafantle fela. (Luke 7:36-40) Eleruri, Jesu o ne a bontsha kutlwelobotlhoko ya Modimo wa rona ka botlalo.
3 “A Tlhotlheletsega go ba Tlhomogela Pelo”: Jesu o ne a se ka a dira bodiredi jwa gagwe ka go ikgolola fela. O ne a ‘tlhotlheletsega go tlhomogela batho pelo.’ (Mar. 6:34) Ka tsela e e tshwanang gompieno, ga re bolele molaetsa fela, mme re leka go boloka matshelo a a botlhokwa a batho. Leka go bona lebaka la go bo batho ba itshwara ka tsela e ba itshwarang ka yone. Ke ka ntlha yang fa ba tlhobaela kgotsa ba tshwenyegile? A ba tlhokomologilwe kgotsa ba foufaditswe ke badisa ba maaka ba bodumedi? Fa re kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota seno se ka ba tlhotlheletsa go reetsa dikgang tse di molemo.—2 Bakor. 6:4, 6.
4 Go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko go ba ama pelo. Ka sekai: Mosadi mongwe o ne a swelwa ke morwadie wa dikgwedi di le tharo. Fa Basupi ba babedi ba kokota mo kgorong ya gagwe, o ne a re ba tsene mo tlung ka a ne a batla go ganetsana le bone mo kgannyeng ya lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo. Le fa go ntse jalo, moragonyana mosadi yono o ne a re: “Ba ne ba bontsha kutlwelobotlhoko fa ba ntse ba ntheeditse mme e ne ya re fa ba tsamaya, ke ne ka ikutlwa ke le botoka thata mme ke ne ka dumela gore ba nketele gape.” A o leka go bontsha mongwe le mongwe yo o kopanang le ene mo bodireding kutlwelobotlhoko?
5 Go nna kutlwelobotlhoko go tla re thusa go gomotsa ba bangwe ka tsela ya mmatota. Fa re dira jalo, re galaletsa “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana,” e bong Jehofa.—2 Bakor. 1:3.