Sekao se Batho ba Dingwaga Tsotlhe Ba ka Se Latelang
O ne a na le kamano e e gaufiufi le Modimo. O ne a dirisa botshelo jwa gagwe go dira thato ya ga Jehofa. O “ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri” mme o ne a segofalediwa go dira jalo. E ne e le Noa, yo e leng sekao se se molemo se basha le bagolo ba ka se latelang. (Gen. 6:9) Bidio ya Noah—He Walked With God e tla go thusa go bona gore botshelo jwa ga Noa bo ne bo ntse jang, lebaka la go bo a ne a tshwanelwa ke go segofadiwa ke Jehofa le kafa o ka etsang dinonofo tsa gagwe tse di molemo ka gone.
DVD ya bidio ya Noah e na le dipotso tse di latelang. Lebelela bidio eno mme morago ga moo o arabe dipotso tseno: (1) Baengele bangwe ba ne ba dira eng se se phoso, mme Banefilime e ne e le bomang? (Gen. 6:1, 2, 4) (2) Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba le boikepo mme Modimo o ne a ikutlwa jang ka gone? (Gen. 6:4-6) (3) Noa o ne a farologane le batho ba bangwe jang? (Gen. 6:22) (4) Baikepi ba ne ba senngwa jang? (Gen. 6:17) (5) Araka e ne e le bogolo jo bo kana kang? (Gen. 6:15) (6) Noa o ne a dira eng gape, mme batho ba ne ba itshwara jang? (Math. 24:38, 39; 2 Pet. 2:5) (7) Mo mofuteng mongwe le mongwe wa diphologolo, go tsene di le kae mo arakeng? (8) Pula e ne ya na ka lobaka lo lo kana kang, mme lefatshe le ne la tlala metsi ka lobaka lo lo kana kang? (Gen. 7:11, 12; 8:3, 4) (9) Ke ka ntlha yang fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola? (Gen. 6:18, 22; 7:5) (10) Araka e ne ya nna kae? (Gen. 8:4) (11) Noa o ne a itse jang gore go ne go babalesegile gore a tswe mo arakeng? (Gen. 8:6-12) (12) Noa o ne a dira eng fa a ne a tswa mo arakeng? (Gen. 8:20-22) (13) Motshe wa godimo o emela eng? (Gen. 9:8-16) (14) Go “tsamaya le Modimo” go bolela eng? (Gen. 6:9, 22; 7:5) (15) Re tshwanetse go dira eng gore re tle re bone Noa kwa Paradaiseng? (Math. 28:19, 20; 1 Pet. 2:21)
Pego ya Baebele ya ga Noa yo o ikanyegang le yo o ikokobeditseng e go rutile eng kafa o ka ‘tsamayang le Modimo’ ka gone le go tshepa gore Jehofa o tla kgona go boloka batho ba gagwe ba motlha wa gompieno?—Gen. 7:1; Dia. 10:16; Baheb. 11:7; 2 Pet. 2:9.