Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka ka natla go simolola dithuto tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Nnang lo Disitse!, Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? September: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ E re ka July e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa go na le akhaonto e nngwe ya banka, jaaka ya go tlhokomela holo kgotsa ya kago, go tshwanetse ga rulaganngwa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego mo pegong e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tse di kwadisitsweng go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBOs) di kopiwa gore fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone tsa March, April, le May, di di romele kwa ofising ya lekala. Kafa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office.
◼ Re rulaganya kopano ya potologo ka puo ya diatla kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka August 26, 27, 2006. Eno e tla bo e le kopano ya ntlha ya potologo e e neelwang yotlhe ka puo ya diatla. Botlhe ba ba tla solegelwang molemo ke thulaganyo eno ba kopiwa gore ba nne gone. Le fa go tla nna le ditshenyegelo di se kae go ya kwa kopanong eno, kopano eno e tla naya ba ba mo tshimong ya bosusu mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di fa gaufi tshono ya go atamalana.
◼ Re kopa gore dikopo tsa ba ba batlang go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha di fitlhe kwa ofising ya lekala bobotlana malatsi a le 30 pele ga letlha le ba batlang go simolola ka lone. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go tlhatlhoba diforomo tseo go tlhomamisa gore di tladitswe sentle. Fa batho ba ba tsentseng dikopo ba sa gakologelwe letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go akanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale letlha leo mo direkotong tsa bone. Mokwaledi o kopiwa gore a kwale letlha leo mo karateng ya Congregation’s Publisher Record (S-21).
◼ Di-CD Tse Disha Tse di Leng Gone:
A Satisfying Life—How to Attain It—Seesemane
Modimo o Batla Gore re Direng?—Seesemane