Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Itsise Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!”
Baboledi mo Phuthegong Nngwe le Nngwe ba Tla Aba Pampitshana e e Kgethegileng
1 Go simolola ka dikgakologo tsa 2006 kwa Hemisefereng ya Bokone le go tswelela go fitlha metseletsele ya dikopano tsa kgaolo mo lefatsheng lotlhe e fela, go tla nna le letsholo la lefatshe lotlhe la go itsise batho ka pampitshana e e kgethegileng ka dikopano tsa kgaolo tse di tla tshwarwang mo dinageng di ka nna 155. Letsholo leno le akaretsa dikopano tse di kgethegileng tse di tla tshwarelwang kwa Jeremane, Czech Republic le kwa Poland ka July le ka beke e e simololang ya August 2006.
2 Ka gonne re tshela mo karolong ya bofelo ya metlha ya bofelo, dikopano tse di tla tlotlang thata ka kgololo e e solofeditsweng ke Modimo mo tsamaisong eno e e boikepo, di tshwanetse go tlhotlheletsa thata batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng. Molaetsa ono o tshwanetse go ba tlhotlheletsa go akanya ka se se tla diregang mo isagweng. E le gore batho ba le dimilione ba nne le tshono ya go utlwa molaetsa wa kgomotso le tsholofelo, diphuthego tse di fetang 98 000 tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe lotlhe di kopiwa go nna le seabe ka tlhagafalo mo go itsiseng batho kopano e ba laleditsweng go ya kwa go yone.
3 Diphuthego di tla romelelwa dipampitshana tse di lekaneng tse di ka kgontshang mmoledi mongwe le mongwe go newa dipampitshana di le 30. Dipampitshana dipe tse di setseng di ka dirisiwa ke babulatsela mo phuthegong. Mo phuthegong nngwe le nngwe, letsholo leno le tla simolola dibeke di le tharo pele ga letsatsi la ntlha la kopano e phuthego e e abetsweng. Seno se tshwanetse sa dira gore go nne le nako e e lekaneng go akaretsa tshimo e ntsi ya phuthego.
4 Go akantshiwa gore kwa go kgonegang gone, pampitshana e newe beng ba matlo mo letsogong. Le fa go ntse jalo, fa bangwe ba seyo mo gae, pampitshana eno e ka nna ya tlogelwa fa kgorong. Re tshwanetse go leka ka natla go aba dipampitshana tseno tsotlhe mo lobakeng lwa dibeke di le tharo.
5 Re solofela gore re tla neela bosupi jo bogolo ka ntlha ya boiteko jono jo bogolo mo lefatsheng lotlhe jwa go itsise batho ka Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” jaaka go tlhalositswe fano. Re rapelela gore masego a magolo a ga Jehofa a nne le lona fa lo ntse lo dira maiteko a go nna le seabe mo letsholong leno la mo lefatsheng lotlhe.