Kafa re ka Nnang re Tlhoafetse ka Gone
1 Tsela e Apolose a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka tlhoafalo ka yone e ka re gakolola ka Bakeresetekarona gompieno ba ba tlhagafetseng thata mo tirong ya go rera. (Dit. 18:24-28) Le fa go ntse jalo, rotlhe re gakololwa jaana: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. Tukang mo moyeng.” (Bar. 12:11) Ke eng se se ka re thusang go nna re tlhoafetse mo bodireding jwa Bokeresete?
2 Kitso e Oketsa Tlhoafalo ya Rona: Fa Jesu a sena go bonala mo barutweng ba gagwe ba babedi le go “ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe,” ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng?” (Luke 24:27, 32) Ka tsela e e tshwanang, a dipelo tsa rona ga di tuke ka boitumelo fa re tlhaloganya botoka Lefoko la Modimo? Ee, kitso e oketsa tumelo ya rona. Baroma 10:17 e tlhalosa jaana: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” Fa re tshepa thata se Jehofa a se solofeditseng, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di ithutileng!—Pes. 145:7; Dit. 4:20.
3 Ga re ka ke ra ikaega fela ka kitso e re nnileng le yone lekgetlho la ntlha fa re ne re ithuta go boloka lorato lo re ratang Modimo ka lone lo nonofile le go tlhoafalela ga rona tirelo ya gagwe. Re tshwanetse go tswelela re oketsa tsela e re tlhaloganyang boammaaruri ka yone le go godisa lorato lo re ratang Jehofa ka lone. E seng jalo, se re se direlang Jehofa e tla feleletsa e le seomodiro fela. (Tshen. 2:4) Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go ‘tswelela re oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.’—Bakol. 1:9, 10.
4 Mekgwa ya Rona ya go Ithuta: Ka jalo re tshwanetse go sekaseka mekgwa ya rona ya go ithuta. Ka sekai, re ka nna ra kgona go tshwaya dikarabo mo setlhogong sa thuto ya Tora ya Tebelo le go araba sentle. A mme re lebelela ditemana tse di umakilweng le go bona kafa re ka dirisang dintlha tseo ka gone mo botshelong jwa rona? Fa re bala mmalo wa Baebele wa beke le beke, a re tsaya matsapa a go dira dipatlisiso tse di oketsegileng fa maemo a rona a re letla le go tlhatlhanya ka se re se ithutang mo mmalong oo? (Pes. 77:11, 12; Dia. 2:1-5) A bo go le molemo jang ne go tlhatlhanya le go nwelelela mo Lefokong la Modimo! (1 Tim. 4:15, 16) Go ithuta jalo ka tsela e e molemo go tla re nonotsha le go re tlhotlheletsa go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo.’—Tito 2:14.