Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Atamalana le Jehofa. March: Ithute mo Morutising yo Mogolo. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ E re ka April e na le mafelo beke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya paka ya Segopotso sa 2006 e tla neelwa ka Sontaga, April 30, mme e tla bo e na le setlhogo se se reng “A Modimo o sa Ntse a Laola?”
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa go na le akhaonto e nngwe ya banka, jaaka ya go tlhokomela holo kgotsa ya kago, go tshwanetse ga rulaganngwa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego mo pegong e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tsotlhe tse di kwadisitsweng go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBOs) di kopiwa gore fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone tsa phuthego tsa December, January le February, di di romele kwa ofising ya lekala. Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office.
◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go sekaseka tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape ba ba nang le bothata jwa go fitlhelela diura tse di lebeletsweng mo go bone, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, bonang makwalo a ngwaga le ngwaga a S-201.
◼ Watchtower Library—2005 Edition: Jaaka go itsisitswe mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 2005, Watchtower Library ka CD-ROM gone jaanong e tswa ngwaga le ngwaga e na le tshedimosetso ya ileketeroniki ya dikgatiso tse di golotsweng go fitlha mo bofelong jwa ngwaga oo. Watchtower Library—2005 e na le dikarolo tse pedi tse disha. Karolo ya ntlha ke temana ya letsatsi e e tswang mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe le thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Nako le nako fa o bula Watchtower Library, temana ya letsatsi leo le dikakgelo tse di tswang mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe di tlhagelela mo sekirining. Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya beke eo e tlhagelela kwa tlase ga dikakgelo tsa temana ya letsatsi.
Selo se sengwe se sesha ka yone ke gore e go kgontsha go bona tshedimosetso e le nngwe ka dipuo tse di farologaneng ka nako e le nngwe. Mo nakong e e fetileng, o ne o kgona go tsenya le go bula Watchtower Library ka dipuo tse di farologaneng, ka sekai ka Seesemane le Se-Spain, mme puo nngwe le nngwe e itsamaela e le yosi, e sa golagana le puo e nngwe. Mme jaanong karolo eno e ntšha e tla go thusa jang? Fa o butse Watchtower Library ya 2005 ka dipuo di le pedi kgotsa go feta, o ka kgona go bula tshedimosetso ka puo nngwe mme o dire gore khomputara e go bontshe tshedimosetso eo le ka dipuo tse dingwe. Ela tlhoko gore o ka kgona go dira jalo mo Watchtower Library ya 2005 fela, e seng mo go tsa pele ga moo.
Watchtower Library eno e ntšha ga e kitla e tshameka mo khomputareng e e dirisang Windows 95. E tla tlhoka Windows 98, Millennium, NT, 2000, XP, kgotsa thulaganyo e e kwa godimo. Diphuthego jaanong di ka tsenya dikopo tsa tsone tsa Watchtower Library—2005, e e newang fela Basupi ba ga Jehofa. Go fitlha disiki eno e nna gone, e tla tlhagelela mo lenaaneng la dilwana tse di iseng di romelelwe phuthego.
◼ Baokamedi ba dibuka le bakwaledi ba diphuthego ba ele tlhoko: Fa lo ikgolaganya le lekala malebana le dibuka tse di sa romelwang, tsweetswee dirang gore fa go kgonega, lo tlhalose bothata lo lebile lenaane la dilwana tse di rometsweng. Fa lo kwalela kwa ofising ya lekala, tsweetswee romelang khopi ya lenaane la dilwana tse di rometsweng.