Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka February 27, 2006. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya January 2 go ya go February 27, 2006. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re thusa jang go ‘isetsa Modimo setlhabelo sa pako le go bolela leina la gagwe phatlalatsa’? (Baheb. 13:15) [be-TN ts. 5 ser. 3–ts. 6 ser. 1]
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira maiteko a gore re bale sentle? [be ts. 83 ser. 1-5]
3. Fa re bua e bile re ruta, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re bue ka tsela e e utlwalang sentle? [be-TN ts. 86 ser. 1-6]
4. Ke ka ntlha yang fa go bitsa mafoko sentle go le botlhokwa, mme re tshwanetse go akanyetsa dintlha dife? [be-TN ts. 89 ser. 1–ts. 90 ser. 2, lebokoso]
5. Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang go bua ka thelelo? [be-TN ts. 94 ser. 4-5, lebokoso]
PUO NO. 1
6. Temana ya 2 Ditiragalo 36:17-23 e re naya bosupi bofe jwa gore re ka ikanya boporofeti jwa Baebele? [si-TN ts. 84 ser. 35]
7. Ke dilo dife tse di ileng tsa diragala tse di neng tsa dira gore Bajuda ba kgone go boela kwa nageng ya bone ka 537 B.C.E. go ya go aga ntlo ya ga Jehofa sesha? [si-TN ts. 85 ser. 1-3]
8. Buka ya Esera e bontsha jang gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le go dira gore re mo tshepe? [si-TN ts. 87 ser. 14, 18]
9. Ke ka ntlha yang fa ‘ngwaga wa bomasome a mabedi wa ga kgosi Aretaserese’ o le botlhokwa mo tatelanong ya ditiragalo tsa Baebele? (Neh. 2:1, 5, 6, 11, 17, 18) [si-TN ts. 88 dir. 2, 5]
10. Nehemia o tlhometse batlhanka ba Modimo ba gompieno sekao sefe se se molemo? [si-TN ts. 90 dir. 16-17]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. A batho ba ba neng ba boa go tswa kwa botshwarong ba ne ba kgona go dirisa Urime le Thumime, tse di neng di dirisiwa fa batho ba ne ba tlhoka kgakololo ya ga Jehofa? (Esera 2:61-63)
12. Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba le bantsi ba kwa Babelona ba ne ba sa batle go boela kwa Jerusalema le Esera? (Esera 7:28–8:20)
13. Tiro ya go aga tempele sesha e ne e ka dirwa jang ka letsogo le le lengwe fela? (Neh. 4:17, 18)
14. E re ka makwalo a a neng a na le diphiri a ne a tlhola a tsenngwa mo kgetsing e e tswetsweng, ke ka ntlha yang fa Sanabalate a ne a romelela Nehemia “lekwalo le le butsweng”? (Neh. 6:5)
15. Nehemia o ne a ntsha kgakololo efe e nngwe fa a sena go latofatsa Bajuda ba ba neng ba latlhile Modimo, fela jaaka a ne a dira ka dikgosana le batho ba ba tlotlegang pelenyana fela ga moo? (Neh. 13:25, 28)