Lekwalo le le Tswang Lekaleng
Baboledi ba ba Rategang ba Bogosi:
Fa ngwaga o mosha wa tirelo o ne o simolola, go ne ga tlhomiwa potologo e nngwe e ntšha mo tshimong ya lekala la Afrika Borwa, mo go rayang gore re nnile le dipotologo tse disha di le 14 mo dingwageng di le thataro tse di fetileng. Jaanong tshimo ya lekala la Afrika Borwa e na le dipotologo di le 84 le dikgaolo di le 6.
Go dirwa tiro e e molemo tota ya go anamisa dikgang tse di molemo mo tshimong ya bosusu. Go ne ga tlhomiwa diphuthego tse dingwe gape tse pedi tsa puo ya diatla, e nngwe kwa Pretoria mme e nngwe kwa Cape Town. Mo godimo ga diphuthego tse tharo tse re nang le tsone tsa puo ya diatla, jaanong go na le ditlhopha tse di fetang 30 tsa puo ya diatla tse di kopanelang le diphuthego tse di farologaneng mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di mabapi tse di tlhokomelwang ke lekala la rona. A o ka ithaopela go ithuta puo ya diatla gore o thuse mo tshimong eno e e gwetlhang?
Re nnile le baeng ba ba seng kana ka sepe ba ba ntseng ba tla go bona moago wa rona wa bogatisetso o o atolositsweng. Fa e sa le motšhine wa rona o mosha wa MAN o simolola go bereka ka June 2004, mme o o rokaganyang dibuka one ka September 2004, batho ba ba fetang 10 000 ba ile ba etela lekala la rona. Mo go lengwe la malatsi a boikhutso, re ile ra itumelela go nna le baeng ba le 2 519. Fa e le gore ga o ise o tle go bona Bethele bosheng jaana, re go laletsa gore o dire jalo. Le fa go ntse jalo, gakologelwang gore ga re na dithulaganyo tsa go bontshiwa moago wa rona ka letsatsi la Matlhatso. Metšhine e e gatisang le e e rokaganyang dibuka ga e bereke ka letsatsi la Matlhatso le mafapha a mangwe a le mantsi.
Motšhine o mosha wa MAN le o o rokaganyang dibuka e a bereka jaanong. O o rokaganyang dibuka o ntsha dibuka tse dinnye tsa khabara e e seng thata tse di fetang 100 000 ka letsatsi. Gape, re setse re simolotse go gatisa Dibaebele tsa khabara e e seng thata tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo tse di farologaneng tsa naga ya rona. Tiro ya go gatisa mo lekaleng e a gola ka gonne re gatisetsa le makala a mangwe mo Afrika, mo go rayang gore re tla bo re gatisa le go rokaganya Dibaebele, dibuka le diboroutšhara tsa dinaga di le 18 ka dipuo tse di fetang 70.
Ka August 2005, re ne ra simolola ka tiro ya go aga moago o mosha wa bonno le go oketsa lefelo la rona la bojelo. Dikago tseno di agiwa ke dikonteraka tse di tswang kwa ntle. Bakaulengwe ba ba tshwanelegang sentle ba laola dilo go tlhomamisa gore go dirwa tiro ya boleng jo bo kwa godimo. Go fopholediwa gore tiro eno ya go aga e tla wediwa morago ga dikgwedi di ka nna 15.
Ka June 4, 2005, tlelase ya bonè e bile e le ya bofelo ya sekolo sa balebedi ba ba etang e ne ya tla bokhutlong jwa yone. Seno se raya gore balebedi ba kgaolo le ba potologo ba le 91 ba ba direlang kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa ba amogetse thapiso e e kgethegileng e e tsayang dibeke di le robedi mme jaanong ba tshwanelega botoka go ka thusa tshimo yotlhe ka dilo tse di tlhokegang.
Re akgola botlhe ba ba nang le seabe ka tlhagafalo mo tirong eno ya go tsweledisetsa pele tiro e e direlwang dilo tsa bogosi! Gape re anaanela fela thata go bo lo tshegetsa tiro eno ka madi. (Dia. 3:9, 10) E kete Jehofa a ka tswelela a segofatsa maiteko a re a dirang re le seoposengwe a go ‘direla pako ya kgalalelo ya gagwe.’—Baef. 1:12.
Bakaulengwe ba lona,
Ofisi ya Lekala ya Afrika Borwa