LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/05 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 7/05 ts. 3

Dikitsiso

◼ July le August: Nngwe le nngwe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe di le 32, kwantle ga tsa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, Madi A ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng?, le ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Kaelwa ke Baebele?”

◼ Re kopa gore dikopo tsa ba ba batlang go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha di fitlhe kwa ofising ya lekala bobotlana malatsi a le 30 pele ga letlha le ba batlang go simolola ka lone. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go tlhatlhoba diforomo tseo go tlhomamisa gore di tladitswe sentle. Fa batho ba ba tsentseng dikopo ba sa gakologelwe letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go akanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale letlha leo mo direkotong tsa bone. Mokwaledi o kopiwa gore a kwale letlha leo mo karateng ya Congregation’s Publisher Record (S-21).

◼ Bakwaledi ba diphuthego ba kopiwa go tlhomamisa gore a ba na le Pioneer Appointment Letter (S-202) ya mmulatsela mongwe le mongwe wa ka metlha mo phuthegong ya bone. Fa e le gore ga ba na makwalo ao, ba kopiwa gore ba itsise ofisi ya lekala ka go kwala lekwalo.

◼ DIWILI: Fa o feditse go dira wili ya gago e o e kwadileng ka Watch Tower, tsweetswee romela khopi ya yone kwa ofising ya lekala, o e romele kwa Estate Desk, gore mafoko a yone a tle go tlhatlhobiwa pele. Gantsi diwili tsa batho di baka mathata ka ntlha ya tsela e ba di kwalang ka yone. Fa o sena go saena wili ya gago, tsweetswee romelela lekala khopi ya yone gore le e boloke.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2006 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka ya July. Dilo tse di latelang ga di a tshwanela go kopiwa ka gonne di romelwa mmogo le diforomo tse phuthego e di newang ngwaga le ngwaga: Congregation Report (S-1), Report Card Envelopes (rce), Foromo ya go Romela Meneelo (S-20), Pego ya go Tlhatlhoba Diakhaonto Tsa Phuthego (S-25), Pampiri ya Diakhaonto (S-26), le Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30). Tsweetswee dirisang diforomo tsotlhe ka go di somarela. Di tshwanetse go dirisediwa boikaelelo jwa tsone fela.

◼ Baokamedi ba Dibuka ba Ele Tlhoko: Fa lo ikgolaganya le ofisi ya lekala malebana le dibuka tse di sa romelwang, tsweetswee dirang gore fa go kgonega, lo tlhalose bothata lo lebile lenaane la dilwana tse di pakilweng. Fa lo kwalela kwa ofising ya lekala, tsweetswee romelang khopi ya lenaane la dilwana tse di pakilweng.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2005—Mokwalo o Mogolo—Sechichewa, Seesemane, Seshona

◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Leng Gone:

Warning Examples for Our Day—Seesemane

Watchtower Library—2004 Edition—Seesemane, Sepotokisi (ELA TLHOKO: Go tloga jaanong, e tla tswa ngwaga mongwe le mongwe.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela