LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/05 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 1/05 ts. 7

Dikitsiso

◼ January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1990 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa lo se na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. February: Atamalana le Jehofa. March: Ithute mo Morutising yo Mogolo. April: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ Go simolola ka February, mme e seng morago ga March 6, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla nna le setlhogo se se reng “Dira ka Botlhale mo Lefatsheng Le le Se Nang Tlhaloganyo.”

◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanelang go tshwara Segopotso sa ngwaga ono ka Labone, March 24, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola letsatsi le ise le phirime, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso ga go a tshwanela go simolola pele letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima nako mang mo lefelong la lona. Re ka rata gore phuthego nngwe le nngwe e tshware Segopotso sa yone. Le fa go ntse jalo, seno ga se kgonege ka metlha. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe diphuthego tse di fetang e le nngwe di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore thulaganyo e e latelang e simolole bobotlana metsotso e le 40 morago ga e e fetileng gore botlhe ba kgone go solegelwa molemo ke tiragalo eno ka botlalo. Go tshwanetse ga akanyediwa gape le maemo a pharakano le mafelo a go emisa dikoloi, go akaretsa le go folosiwa ga bapagami le fa ba tla go tsewa. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa dira tshwetso ya gore ke dithulaganyo dife tse di tla tshwanelang lefelo la bone.

Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine e tla nna ka April 16, 2005. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole go rulaganya dilo gone jaanong gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo monongwaga. Diphuthego di tshwanetse tsa tsenya dikopo tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo kgonegang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela