Karolo 4: Go Ruta Baithuti go Baakanyetsa
Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
1 Gantsi moithuti yo o balang go sa le gale se a tlileng go se ithuta, yo o thalelang dikarabo mme a akanya kafa a ka arabang ka mafoko a gagwe ka gone, o gatela pele ka bonako semoyeng. Ka jalo, fa go setse go rulagantswe gore thuto e tshwarwe ka metlha, baakanyetsa thuto e le nngwe le motho yo o ithutang le ene gore a bone kafa a tshwanetseng go baakanyetsa ka gone. Baithuti ba le bantsi ba tla solegelwa molemo thata ke fa o baakanyetsa kgaolo kgotsa thuto yotlhe le bone.
2 Go Tshwaya le go Kwala Dintlha: Tlhalosetsa motho yo o ithutang le ene gore a ka bona jang dikarabo tse di tlhamaletseng tsa dipotso tse di kwadilweng. Mmontshe khopi ya gago ya buka e lo ithutang yone e o thaletseng mafoko kgotsa dipolelwana tsa konokono fela mo go yone. Fa lo ntse lo bala, a ka nna a batla go latela sekao sa gago, a thalela fela dintlha tse di tla mo thusang go gakologelwa karabo. (Luke 6:40) Go tswa foo mo kope gore a bue karabo ka mafoko a gagwe. Seno se tla go thusa go bona gore o tlhaloganya se a se balang go le kana kang.
3 Go sekaseka ka kelotlhoko ditemana tse di sa nopolwang ke sengwe sa botlhokwa se moithuti a tshwanetseng go se dira fa a baakanyetsa. (Dit. 17:11) Mo thuse go bona gore temana nngwe le nngwe e e umakilweng fela e sa nopolwa e tshegetsa ntlha nngwe mo serapeng. Mmontshe kafa a ka kwalang dintlha ka gone mo thoko ga serapa mo bukeng ya gagwe. Gatelela mo go ene gore Baebele ke yone buka ya konokono e a e ithutang. Mo kgothaletse gore fa a araba ka nako ya thuto a akaretse thata ditemana tse di umakilweng fela mme di sa nopolwa.
4 Go Sekaseka se se Tlileng go Ithutiwa le go Dira Poeletso: Pele moithuti a simolola go baakanyetsa thuto ya gagwe, go ka nna molemo thata fa a simolola pele ka go sekaseka se a tlileng go se ithuta. Mmontshe gore a ka kgona go bona se a tlileng go se ithuta ka go sekaseka ka bokhutshwane setlhogo sa kgaolo eo, ditlhogwana tsa yone le ditshwantsho. Mo tlhalosetse gore pele a fetsa go baakanyetsa thuto, go ka nna molemo gore a iphe nako ya go boeletsa dintlha tsa konokono tsa yone, gongwe a dirisa lebokoso la go boeletsa fa le le teng. Go boeletsa dintlha jalo go tla mo thusa go di gakologelwa.
5 Go ruta moithuti gore a baakanyetse thuto sentle go tla mo thusa gore a neele dikakgelo tse di molemo kwa dipokanong tsa phuthego. Gape go tla mo thusa gore a nne le mekgwa ya go ithuta e e tla mo solegelang molemo le fa o setse o feditse go ithuta Baebele le ene.