LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/04 ts. 11
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 10/04 ts. 11

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 24, 2004. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 6 go ya go October 24, 2004. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]

BOKGONI JWA GO BUA

1. Re ka kgona jang go bua ka tsela e e kgothatsang fa re neela puo ka karolo nngwe ya tiro ya rona ya Bokeresete? [be-TN ts. 203 dir. 3-4]

2. Go boaboeletsa dintlha ke fa o dirang, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa? [be-TN ts. 206 dir. 1-4]

4. Re ka kgona jang go bona dintlha tsa konokono mo puong e re e abetsweng? [be-TN ts. 212 dir. 1-4]

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le dintlha di le dintsi thata tsa konokono? [be-TN ts. 213 dir. 2-4]

PUO NO. 1

6. Ke eng se se neng se direga pele ga Morwalela se se ka tswang se dirile gore go nne thata gore batho ba dumele gore sengwe le sengwe se se neng se ba dikologile se ne se tlile go nyelela? [w02-TN 3/1 ts. 5-6]

7. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ela tlhoko gore batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba mmitsa “Moruti” le “Morutisi,” e seng “Mofodisi”? (Luke 3:12; 7:40) [w02-TN 5/1 ts. 4 ser. 3; ts. 6 ser. 6]

8. Diane 11:24, 25 e bontsha jang botlhokwa jwa go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa tshimo? [w02-TN 7/15 ts. 30 dir. 2-4]

9. Botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa kgangkgolo efe, mme matswela a botsuolodi joo e ne ya nna afe? (Gen. 3:1-6) [w02-TN 10/1 ts. 5 ser. 6; ts. 6 dir. 2-3]

10. Letlha leo kobamelo ya boammaaruri e neng ya tsosolosiwa ka lone mo Jerusalema le bonwa jang? [si-TN ts. 285 ser. 5]

MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE

11. E re ka Jehofa a ne a boleletse Balaame gore a tsamaye le banna ba ga Balake, ke ka ntlha yang fa a ile a galefa fa Balaame a tsamaya le bone? (Dipa. 22:20-22)

12. A monna wa mosadi wa Mokeresete a ka kgona go dirolola maikano a mosadi wa gagwe? (Dipa. 30:6-8)

13. “Metse ya botshabelo” e emela eng gompieno? (Dipa. 35:6) [w95-TN 11/15 ts. 17 ser. 8]

14. A taolo e e mo go Duteronome 6:6-9 ya go ‘bofelela molao wa Modimo mo letsogong le mo tlhogong jaaka sebofo sa phatla’ o tshwanetse go tsewa fela jaaka o ntse?

15. A polelo e e reng ‘seaparo sa gago ga se a ka sa onala’ e bolela gore diaparo tsa Baiseraele di ne di ntšhafadiwa gape nako le nako fa di fela? (Dute. 8:4)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela