LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/04 ts. 1
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo Afrika Borwa le mo Dinageng Tse Di Mabapi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 9/04 ts. 1

Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Baboledi ba ba Rategang ba Bogosi:

Bogatisetso jwa lekala la rona jo bosha jwa disekweremetara di le 8 000 bo setse bo feditswe e bile bo a dirisiwa. Motšhine o mosha wa go gatisa o o bidiwang MAN Lithoman o o kgonang go gatisa dimakasine di le 90 000 ka ura, o setse o tsentswe e bile o simolotse go bereka. Gape motšhine ono o mosha mmogo le wa Hantscho e tla gatisa dibuka ka gonne Setlhopha se se Laolang se neile Lekala la Afrika Borwa tetla ya go gatisa dibuka tsa dikhabara tse di seng thata. Gone jaanong re ipaakanyetsa go tsenya motšhine o o kopanyang dibuka o re o romeletsweng ke Lekala la Jeremane.

Gape re tshwaregile ka go fudusetsa Lefapha la rona la Shipping kwa kagong e ntšha. Re tsentse dishelofo tse disha tse di kgonang go rwala mekoa e ka nna 2 352 ya dibuka le dimakasine. Go ise go ye kae re tla amogela motšhine o o kgonang go itsamaisa o o fetisang dibuka, o o tla dirang gore go nne motlhofo go paka diotara tsa diphuthego tse di ka nnang 8 000 tse gone jaanong re di tlhokometseng mo Afrika Borwa. Baeng ba letleletswe jaanong gore ba etele Bethele le go leba kago e ntšha ya go gatisa.

Paka ya Segopotso e ne e le nako ya go dira ka tlhagafalo mo tshimong ya lekala la rona. Ka April, babulatsela ba ba thusang ba ne ba fitlha go 7 297, mme go ne ga nna le tlhora e ntšha ya batho ba le 193 661 ba ba neng ba nna gone mo Sejong sa Morena sa Maitseboa mo Afrika Borwa.

Re lebeletse pele mmogo le lona ‘go nna le mo go ntsi go go dira mo tirong ya Morena’ fa re tla bo re simolola ngwaga wa tirelo wa 2005.—1 Bakor. 15:58.

Bakaulengwe ba lona,

Ofisi ya Lekala ya Afrika Borwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela