Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Ithute mo Morutising yo Mogolo. Fa batho ba bolela gore ga ba na bana, ba tsamaisetse boroutšhara jwa Re Direng. Fa o dirisa boroutšhara jono, leka thata go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32, kwantle ga jwa Thuto le jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.
◼ Motho wa bofelo yo o tswang mo Holong ya Bogosi o tshwanetse go lotlela dikgoro le go gokela dilo dipe fela tse di gone tsa pabalesego sentle go tlhomamisa gore Holo e bolokesegile. Fa motho yoo a sa kgone go lotlela, o tshwanetse go bitsa mongwe yo o kgonang go dira jalo mme a mo lete go fitlha a goroga pele ene a ka tsamaya. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba na le lenaane le le ntšhafaditsweng la baboledi ba ba nang le maikarabelo ba ba tshwarang dilotlele tsa Holo ya Bogosi.
◼ Mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September, go tla tlotliwa ka bidio ya setlhogo se se reng Respect Jehovah’s Authority. Diphuthego tse di se nang khopi ya bidio eno di tshwanetse go e odara mo kopong ya tsone e e latelang ya dibuka.
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Teng:
Ithute mo Morutising yo Mogolo—Seesemane
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Watch Tower Publications Index 1992-2002—Puo ya Diatla ya Amerika