LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/04 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 3/04 ts. 3

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. Fa e le gore batho ba setse ba na le kgatiso eno, go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! April le May: Tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela mo bathong ba ba bontshitseng kgatlhego, ba ba ka nnang ba akaretsa ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong le/kgotsa ditiragalo tse dingwe tsa phuthego mme ba sa kopanele le phuthego ka metlha, leka go tsamaisa buka ya Obamela Modimo. Leka ka natla go simolola thuto ya legae ya Baebele, segolobogolo fa e le gore bangwe ba batho bano ba setse ba kile ba ithuta buka ya Kitso le boroutšhara jwa Re Direng. June: Ithute mo Morutising yo Mogolo. Fa batho ba bolela gore ga ba na bana, ba tsamaisetse boroutšhara jwa Re Direng. Fa o dirisa boroutšhara jono, leka thata go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele.

◼ Ofisi ya lekala ga e dire dikopo tsa dibuka tse baboledi ba di romelang ka bobone. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go balwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya kgwedi le kgwedi ya dibuka tsa phuthego e romelwa kwa lekaleng gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka tsa bone ba kgone go itsise mokaulengwe yo o tshwarang dibuka. Tsweetswee gakologelwang gore ke dikgatiso dife tse e leng dilwana tsa dikopo tse di kgethegileng.

◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2005 se tla nna ka Labone, March 24, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale gore bakaulengwe ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang kana ba hire diholo tse dingwe fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di tla dirisang Holo ya Bogosi mme go tshwanetse ga batlwa mafelo a mangwe. Mo maemong a a ntseng jalo, bagolwane ba tshwanetse ba dumalana le batsamaisi go tlhomamisa gore ga go na go nna le ditiro tse dingwe tse di kgoreletsang tse di tla bong di dirwa mo kagong eno gore Segopotso se tshwarwe ka kagiso le ka thulaganyo. Ka ntlha ya botlhokwa jwa tiragalo eno, fa setlhopha sa bagolwane se abela mongwe go neela puo ya Segopotso, se tshwanetse sa tlhopha mongwe wa bagolwane ba ba tshwanelegang sentle, e seng go refosana fela kana go dirisa mokaulengwe a le mongwe ngwaga le ngwaga. Fa go na le mogolwane wa motlodiwa yo o nang le bokgoni yo o ka kgonang go neela puo eno, go tshwanetse ga tlhophiwa ene.

◼ Re nna re tlhoka bakaulengwe ba ba tshwanelegang go thusa mo Dithulaganyong Tsa go Aga Tsa Ditšhabatšhaba mo Afrika. Re tlhoka bakaulengwe, ba nyetse kana ba sa nyala, ba le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 55, ba na le botsogo jo bo siameng, e bile ba na le boemo jo bo siameng mo diphuthegong tsa bone, ba ba ithutetseng tiro ya go betla, ya welding, ya motlakase, ya go aga, ya go polasetara, ya go penta le ya plumbing. Botlhe ba ba dirang kopo eno e tshwanetse ya bo e le batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. Go batliwa segolobogolo babulatsela. Kabelo ya gago e ka nna ya tsaya dibeke tse pedi go ya go dikgwedi tse thataro go ikaegile ka gore o ka ithaopa ka lobaka lo lo kae. Fa e le gore o na le kgatlhego, tsweetswee kwalela Volunteer Desk, Bethele ya Afrika Borwa go bona tshedimosetso e e oketsegileng le foromo ya go ikwadisa.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Ithute mo Morutising yo Mogolo—Chichewa, Searabia, Seburu, Se-China, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Segerika, Se-Hungary, Sejeremane, Sejapane, Sentadiana, Se-Poland, Sepotokisi, Se-Russia, Sepedi, Sesotho, Seswahili, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu

‘Bona Lefatshe le le Molemo’—Chichewa, Seburu, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentadiana, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Seshona, Seswahili, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela