Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1988 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di fa gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. February: Atamalana le Jehofa. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a magolo a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. Fa e le gore batho ba setse ba na le buka eno, go ka nna ga tsamaisiwa Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! April: Tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa o dira maeto a go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, ya le kwa bathong ba ba nnang teng kwa Segopotsong le kwa ditiragalong tse dingwe tsa phuthego mme ba sa kopanele ka metlha le phuthego. Tlhoafalela go tsamaisa buka ya Obamela Modimo. Go tshwanetse ga lekwa thata go simolola thuto ya legae ya Baebele, bogolo jang fa bangwe ba setse ba kile ba ithuta buka ya Kitso le boroutšhara jwa Re Direng.
◼ Go simolola ka February, mme e seng morago ga March 7, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla bo e na le setlhogo se se reng “Ke Melao ya ga Mang ya Boitsholo E o E Tsayang e le Botlhokwa Thata?”
Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine e tla nna ka April 3, 2004. Mo nakong e e fetileng ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le seabe mo ditirong tsa Letsatsi la Dimakasine. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole go rulaganya dilo gone jaanong gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo monongwaga. Diphuthego di tshwanetse tsa tsenya dikopo tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo kgonegang.