Mosola o Mogolo Thata wa Botlhale Jwa Bomodimo
1 Go na le batho ba ba akanyang gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhoma mogopolo thata mo go thuseng ka tlhamalalo go fokotsa mathata a batho ba nang le one gompieno. Batho bao ga ba lemoge mosola o mogolo thata wa tiro ya rona ya go ruta batho Baebele. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwala: “Go bua ka kota ya tlhokofatso ke boeleele mo go ba ba nyelelang, mme mo go rona ba ba bolokwang, ke maatla a Modimo.” (1 Bakor. 1:18) Ee ruri, re a itse gore bodiredi jwa Bokeresete ke yone tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di dirwang mo lefatsheng gompieno.
2 Botshelo jo bo Botoka Gone Jaanong: Maiteko a batho a go rarabolola mathata a bone a nnile le matswela a e seng a sepe. Melao e e thibelang bokebekwa ga e a kgona go emisa bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega. Ditumalano tsa kagiso le masole a a tsereganyang ga a a kgona go fedisa ntwa. Dithulaganyo tsa go thusa setšhaba ga di a kgona go fedisa lehuma. (Pes. 146:3, 4; Jer. 8:9) Mme molaetsa wa Bogosi one o fetotse matshelo a batho ba le dimilionemilione ka go ba thusa go apara botho jo bosha jo bo amogelwang ke Modimo. (Bar. 12:2; Bakol. 3:9, 10) Ka go dira jalo, ba itumelela botshelo jo bo botoka gone jaanong.—1 Tim. 4:8.
3 Isagwe e e Itumedisang: Kwantle ga gore botlhale jwa bomodimo bo re thusa go fenya mathata a re lebanang le one gone jaanong mo botshelong, gape bo re thusa go rulaganyetsa isagwe sentle. (Pes. 119:105) Bo re thusa gore re se ka ra dira maiteko a lefela a go baakanya tsamaiso ya jaanong ya dilo. (Mor. 1:15; Bar. 8:20) A bo re itumela jang ne gore ga re senye nako ya botshelo jwa rona re latelela mekgele e tota re ka se kang ra e fitlhelela! Go na le moo, re lebisa maiteko a rona mo tsholofetsong ya ga Jehofa e re tlhomamisegang ka yone ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse go tla nnang tshiamo mo go tsone. Fa letsatsi la ga Jehofa la katlholo le tla, go tla bonala sentle gore ba ba neng ba ikaegile ka botlhale jwa bomodimo ba ne ba dirile tshwetso e e siameng.—2 Pet. 3:10-13; Pes. 37:34.
4 Le fa botlhale jwa bomodimo bo ka lebega bo se na mosola mo bathong ba ba tseneng ka tlhogo mo ‘botlhaleng jwa tsamaiso eno ya dilo,’ tota ke jone fela tsela e e mosola go e latela. (1 Bakor. 1:21; 2:6-8) Ka gone, re tswelela pele go bolela mo lefatsheng lotlhe molaetsa o o tswang kwa Modimong, yo o “botlhale a le nosi.”—Bar. 16:27.