LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/03 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 5/03 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela mo bathong ba ba bontshitseng kgatlhego, ba ba ka nnang ba akaretsa batho ba ba nnileng gone kwa Segopotsong kana mo ditiragalong tse dingwe tsa dilo tsa puso ya Modimo mme ba sa kopanele ka metlha le phuthego, tlhoma mogopolo mo go tsamaiseng buka ya Obamela Modimo. Go tshwanetse ga dirwa boiteko bongwe le bongwe jwa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele, segolobogolo le batho ba ba setseng ba ithutile buka ya Kitso le boroutšhara jwa Re Direng. June: Tsamaisa buka ya Kitso kgotsa boroutšhara jwa Re Direng. Fa beng ba matlo ba setse ba na le dikgatiso tseno, dirisa boroutšhara jo bongwe jo bo tshwanelang jo phuthego e nang le jone mo setokong. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go ka tshwanela go tsamaisa diboroutšhara tse di latelang: Buka ya Batho Botlhe, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?

◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.

◼ Monongwaga go tla tshwarwa dikopano di le nnè tsa ditšhabatšhaba mo Afrika Borwa tse di tla bong di na le baeng ba ba tswang moseja. Dikopano tseno di tla tshwarwa mo mafelobekeng a le mangwe fela, e leng December 4-7, mo Johannesburg, Pretoria, Durban, le Cape Town. Go tla bo go na le THULAGANYO E E TSHWANANG YA SEMOYA mo dikopanong tseno tsa ditšhabatšhaba le tsa kgaolo. Pharologano e e gone ke fela gore mo dikopanong tsa ditšhabatšhaba, baeng ba ba tswang kwa moseja ba tla neela dipego ka dinaga tsa bone. Ka ntlha ya madulo a a lekanyeditsweng mmogo le marobalo, segolobogolo mo dikopanong tsa Johannesburg le Cape Town, ga re kgothaletse gore go nne le palo e kgolo ya bakaulengwe ba ba nnang gone mo dikopanong tseno tsa ditšhabatšhaba fa ba sa abelwa go nna gone kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, fa kopano e phuthego ya lona e abetsweng go ya kwa go yone e sa dirise puo ya gago, o ka gololesega go ya kwa go e e dirisang puo ya gago.

◼ Jaanong diphuthego di ka nna tsa simolola go dira diodara tsa tsone tsa Watchtower Library—2001 Edition. Disiki eno e tla bo e le teng ka Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentadiana le ka Sepotokisi. Tsweetswee elang tlhoko gore eno ke odara e e kgethegileng. Ga ya tshwanela go tsamaisediwa batho mo tshimong, go bewa mo dilaeboraring tsa sekolo kgotsa go newa batho fela ba ba ratang Basupi ba ga Jehofa. Watchtower Library ke ya maloko a phuthego fela mme e ntshiwa fela mo phuthegong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela