Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 28, 2003. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 3 go ya go April 28, 2003. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, dits. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke dilo dife tse di ka dirang gore motho a se ka a bua ka thelelo? [be-TN ts. 93]
2. Boammaaruri kana Maaka: Re tshwanetse go tila go kgwa mowa, e re ka seno se ka dira gore megopolo ya batho e kgarakgatshege kgotsa ba tsene sebui ganong. Tlhalosa.
3. Go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng go thusa jang sebui kgotsa motho yo balang phatlalatsa? (Neh. 8:8) [be-TN ts. 101]
4. Motho a ka tlhagolela jang go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng? [be-TN dits. 102-3]
5. Ke dintlha dife tsa konokono tse o tshwanetseng go di gakologelwa fa o balela kwa godimo go tswa mo bukeng fa o tshwere thuto ya Baebele kgotsa kwa pokanong ya phuthego? [be-TN ts. 105]
PUO NO. 1
6. Batsadi ba ka dirang go ruta bana ba bone “gore ba reetse le gore ba ithute” fa ba le kwa dipokanong tsa Bokeresete? (Dute. 31:12) [be-TN ts. 16]
7. Paradaise ya semoya ke eng? [w01-TN 3/1 dits. 8-10]
8. Diane 8:1-3 e bontsha jang gore botlhe ba ka bona botlhale jwa bomodimo, mme go ya ka Bakolosa 2:3, bo ka bonwa kae? [w01-TN 3/15 dits. 25, 28]
9. Re ka dira jang gore leina la Modimo le itsiwe? (Joh. 17:6) [be-TN dits. 273-5]
10. Ke dintlha dife tsa botlhokwa tse batho ba tshwanetseng go di itse ka ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’? (Math. 24:14) [be-TN dits. 279-80]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. (a) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “selo se se ferosang sebete” se go buiwang ka sone mo go Mareko 13:14, e ne e le eng? (b) Go ‘ema mo se sa tshwanelang gone’ go ne go rayang?
12. Efangele ya ga Luke e tlhalosa jang gore Jesu e ne e le moruaboswa wa tlholego wa setulo sa bogosi sa ga Dafide? (Luke 3:23-38) [w92-TN 10/1 ts. 9 ser. 3]
13. Jesu o ne a rayang fa a ne a bua mafoko a a kwadilweng mo go Luke 12:2?
14. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ledi la tshipi le le latlhegileng la derakema, ke ka ntlha yang fa tsela e baengele ba itshwarang ka yone e gakgamatsa? (Luke 15:10) Sekao sa bone se tshwanetse go re ama jang?
15. Go buiwa ka dikgolagano dife tse pedi mo go Luke 22:29?