Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Diphuthego tse di nang le buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo mo setokong sa tsone di ka e tsamaisa le yone. February le March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. April le May: Tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, leka go tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng. Go tshwanetse ga dirwa boiteko jotlhe go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele.
◼ Go simolola ka February, mme e seng morago ga March 2, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla bo e le ya setlhogo se se reng “Go Gololwa mo Lefatsheng le le Lefifi.”
◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa go keteka Segopotso monongwaga ka Laboraro, April 16, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola le ise le phirime, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso ga go a tshwanela go simolola pele ga letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima nako mang mo lefelong la lona. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe phuthego e le nngwe kana go feta di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore thulaganyo e e latelang e simolole bobotlana metsotso e le 40 morago ga e e fetileng gore botlhe ba kgone go solegelwa molemo ke tiragalo eno ka botlalo. Go tshwanetse ga akanyediwa gape le maemo a pharakano le mafelo a go emisa dikoloi, go akaretsa le go folosiwa ga bapagami le fa ba tla go tsewa. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa dira tshwetso ya gore ke dithulaganyo dife tse di tla tshwanelang lefelo la bone.
◼ Go simolola ka makasine wa January 1, 2003, Tora ya Tebelo ka mokwalo o mogolo e tla bo e le gone ka Seshona.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone ka Mokwalo wa Difofu:
2003 Yearbook of Jehovah’s Witnesses—Wa maemo a bobedi ka Seesemane
Examining the Scriptures Daily—2003—Wa maemo a bobedi ka Seesemane
Theocratic Ministry School Schedule for 2003—Wa maemo a bobedi ka Seesemane
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Watch Tower Publications Index 2001—Seesemane
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Gone:
Respect Jehovah’s Authority—On Videocassette—Puo ya Diatla ya Seamerika
The Greatest Man Who Ever Lived—On Videocassette—Puo ya Diatla ya Seamerika
Warning Examples for Our Day—On Videocassette—Seesemane
April 5, 2003, e tla bo e le Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. Ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le seabe mo ditirong tsa Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine mo nakong e e fetileng. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole gone jaanong go dira dithulaganyo e le gore ba tle ba nne le seabe ka botlalo monongwaga. Diphuthego di tshwanetse tsa tsenya dikopo tsa tsone tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo ka kgonegang.