Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Modimo o Batla Gore re Direng? kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa beng ba matlo ba setse ba na le dikgatiso tseno, o ka ba tsamaisetsa kgatiso epe fela ya kgale. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Diphuthego tse di nang le buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo mo setokong sa tsone di ka e tsamaisa.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsiseng phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 2002 mo otareng ya tsone e e latelang ya dibuka. Dibolumo tseno di tla bo di le gone ka Se-China, Se-Croatia, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Sentadiana, Sejapane, Sekorea, Se-Poland, Sepotokise, Seromania, Se-Russia le Se-Spain. Go fitlha dibolumo tseno di nna teng le go romelelwa diphuthego, di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang phuthego. Dibolumo ke dilwana tsa otara e e kgethegileng.
◼ Mokwaledi wa phuthego nngwe le nngwe e setsha se kwadisitsweng ka yone o tshwanetse go boeletsa serapa 17 le 18 sa foromo ya “Information Regarding Ownership of Kingdom Halls” (T-36-E 3/00). Go tshwanetse ga duelwa makgetho otlhe ka nako e e beilweng. Fa e le gore phuthego e na le dipelaelo mabapi le lekgetho lengwe, batlisisang kgang eo ka bonako e le gore lekgetho leo le emisiwe kana gore lo dire ditlhotlhomiso ka nako e e tshwanetseng.
◼ Batho ba ba etelang lekala la Afrika Borwa ba tshwanetse go ela tlhoko dinako tse di latelang tsa go simolola loeto lwa go bona moago wa feketeri kana wa bonno:
Batho ba ba tlang ka dibese ba ka simolola loeto lwa go bona moago ka nako ya fa ba goroga, mme ba tshwanetse go itsise Ofisi ya Bethele ka lekwalo kana ka mogala go sa le gale go tlhalosa gore ke batho ba le kae ba ba tlang, letlha le ba tlang ka lone, mmogo le nako, le gore ba tla rata go bontshiwa moago ka puo efe. Moago o ka bonwa go tloga ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano go akaretsa le malatsi a boikhutso, mme e seng ka Matlhatso e re ka mafapha a le mantsi a tla bo a tswetswe, ka gone go tla bo go se na motho yo o ka lo tseisang loeto lwa go bona moago.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go na le diphetogo mo dikopanong tse di latelang tsa kgaolo:
December 20-22:
Tzaneen (Tsonga; e phimotswe)
Phalaborwa (Tsonga; kopano e ntšha)
December 27-29:
Mbabane (Sezulu; letlha le lesha)
◼ Go tloga ka makasine wa January 8, 2003, Tsogang! ya Sepotokise e tla bo e le gone ka khasete. Diphuthego di tshwanetse tsa romela dikopo tsa tsone ka foromo ya Congregation Magazine Request (M-202).
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Watch Tower Publications Index 2001—Seesemane
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Gone:
The Greatest Man Who Ever Lived—On Videocassette—Puo ya Diatla ya Amerika
Warning Examples for Our Day—On Videocassette—Seesemane
[Box on page 7]
FEKETERI BONNO
8.15 a.m. 8.45 a.m.
9.15 a.m. 9.45 a.m.
10.15 a.m. 10.45 a.m.
1.45 p.m. 1.15 p.m.
2.45 p.m. 2.15 p.m.