LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/02 ts. 6
  • Go Apara le go Ipaakanya ka Tsela e e Tshwanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Apara le go Ipaakanya ka Tsela e e Tshwanetseng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Apara ka Tsela e e Rulagantsweng Sentle go Bontsha Gore re Boifa Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A Tsela e o Aparang ka Yone e Galaletsa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Gore re Apara Eng le Gore re Lebega Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 10/02 ts. 6

Go Apara le go Ipaakanya ka Tsela e e Tshwanetseng

1 Pego nngwe ya lokwalodikgang e ne ya bolela jaana: “Banna botlhe le basimane ba tsenya dithai. Basadi botlhe le basetsana, ba basha le ba bannye, ba apara mesese kgotsa dikete. Ga go na ope yo o apereng bokate kgotsa sekipa. Mongwe le mongwe fano o montle.” Lokwalodikgang loo lo ne lo bua ka batho bafe? A lo ne lo bua ka kokoano nngwe ya sepolotiki? A lo ne lo bua ka tiragalo nngwe ya metshameko? Kgotsa a e ne e le khonsata ya mmino wa rock? Le eseng! Lo ne lo tlhalosa setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi kwa kopanong e kgolo ya kgaolo.

2 Kwa motseng mongwe wa kopano, mokwadi mongwe wa lokwalodikgang o ne a tlhalosa jaana ka boidiidi jwa Basupi: “Banna botlhe ba phepa e bile ba apara disutu le dithai. Basadi ba apara ka tsela e e tshwanetseng mme e le e e tlotlegang.” Monna mongwe wa motlhokomedi yo le ene a neng a ba lebeletse o ne a akgela jaana: “Lo itshwere sentle, lo a tlotlega, lo phepa e bile lo batho ba ba bothakga. Ke bona bontle fela. Mo lefatsheng leno le le leswe lo kgonne go itshola ka tsela e e farologaneng!” A bo e le bosupi jo bo molemo jang ne ka rona! A ga re leboge go bo bakaulengwe ba rona ba akgolwa ka tsela e e ntseng jalo? Eleruri, Basupi botlhe ba dirile gore go buiwe molemo ka bone ka tsela e e tlhomang sekao e ba lebegang ka yone.

3 Re itsege mo lefatsheng lotlhe gore ga re tshwane le ba bangwe ka tsela e re lebegang ka yone. (Mal. 3:18) Ka ntlha yang? Ka gonne re latela kgakololo ya Dikwalo ya gore ‘re ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, . . . ka tsela e e tshwanelang ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.’—1 Tim. 2:9, 10.

4 Tsela e o Aparang le go Ipaakanya ka Yone e Supa Eng? Diaparo tse re di aparang le tsela e re di aparang ka yone di naya bosupi ka rona—se re se dumelang, mekgwa le maikaelelo a rona. Mokgwa wa go apara o re o tlhophang o bontsha gore re bomang le gore re emela eng. Ga re a tshwanela go kgothaletsa dikakanyo tse di leswe le boitsholo jo bo bolelwang ke lefatshe. Se re amegileng ka sone ga se gore a mokgwa o o rileng wa go apara ke o o mo fesheneng, mme ke gore a o tshwanetse motho yo o ipolelang gore ke modiredi wa Modimo. (Bar. 12:2) Go na le gore re apare ka tsela e e dirang gore re lebege jaaka batho ba ba bontshang moya wa boitaolo kgotsa ba ba rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang, re batla go bontsha gore tota re ‘galaletsa Modimo.’—1 Pet. 2:12.

5 Ka dinako tse dingwe, motho yo o se nang maitemogelo, kgotsa yo o bokoa semoyeng a ka nna a amogela sengwe le sengwe se lefatshe le se kgothaletsang ka moaparo le go ipaakanya kwantle ga gore a akanye pele gore seo se ama jang Jehofa le phuthego ya gagwe. Rotlhe re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a ga re tlhotlhelediwe ke tsela e lefatshe le dirang dilo ka yone. Re ka atamela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o godileng semoyeng, mme re mmotse ka se a se tlhokometseng ka tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone mme go tswa foo re bo re sekaseka ka kelotlhoko dikakantsho tse a re neetseng tsone.

6 Bangwe ba a dumela gore ba tshwanetse gore ba nne kelotlhoko ka tsela e ba aparang ka yone fa ba ya kopanong. Mme ba bo ba apara botlhaswa morago ga kopano fa ba itlosa bodutu. Nna o apere sentle ka tsela e e tshwanelang badiredi ba Bakeresete. (2 Bakor. 6:3, 4) Gongwe le gongwe kwa re yang gone, dibetšhe tsa rona tsa kopano le tsela e e tshwanetseng e re apereng ka yone le go ipaakanya, e supa fa re le Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, diaparo tsa rona e tshwanetse go nna tse di rulagantsweng sentle le tse di tshwanetseng, di bontshe gore ga re “karolo ya lefatshe.”—Joh. 15:19.

7 A re direng sotlhe se re ka se kgonang kwa Kopanong ya Kgaolo ya monongwaga ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi” go supa gore re “setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo wa [rona].” Tsela e e molemo e re tla lebiwang ka yone e tla dira gore Jehofa a newe “pako le botumo le bontle.”—Dute. 26:19.

[Box on page 6]

Tsela E re Ka Galaletsang Jehofa ka Yone:

■ Apara ka tsela e e tshwanelang modiredi wa Modimo.

■ Tila mekgwa ya go apara e e bontshang mowa wa lefatshe.

■ Apara ka tsela e e tshwanetseng e e bontshang go itekanela sentle ga mogopolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela