Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go sekaseka tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape fela ba ba nang le bothata jwa go fitlhelela diura tse di lebeletsweng mo go bone, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, sekaseka makwalo a ngwaga le ngwaga a S-201. Bona gape le dirapa 12-20 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.
◼ Mokwaledi o tshwanetse go tlhomamisa gore Komiti ya Kago ya Kgaolo e nna e itsisiwe ka boemo jwa baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba ileng ba romela diforomo tsa Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82). Fa go na le sengwe se se fetogileng ka boemo jwa moithaopi, jaaka fa a fuduga kana a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane, go tshwanetse ga tladiwa diforomo tse disha ka bonako mme di romelwe. Fa aterese ya poso kana nomoro ya thelefouno ya moithaopi e fetoga kana a sa tlhole a na le boemo jo bontle mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go itsise Komiti ya Kago ya Kgaolo ka bonako ka lekwalo.
◼ Elang tlhoko dithulaganyo tse di boferefere tse di ntseng di romelwa ka Internet le ka poso tse di dirisediwang go batla madi mo bakaulengweng ba rona go twe go thusiwa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo. Nako nngwe le nngwe fela fa maemo a tlhoka gore go tlhomiwe komiti ya namolo gore go tlamelwe Basupi ba ga Jehofa ka dithoto, bakaulengwe ba ba ikarabelelang ba tla itsisiwe. Meneelo ya dilo tseno tse di tlhokegang e tshwanetse go romelwa go Jehovah’s Witnesses, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740.
◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya nako ya Segopotso sa 2002 e tla neelwa ka Sontaga, April 14. Setlhogo sa puo eno se tla bo se re “Nna o Gakologetswe ‘Letsatsi le le Boitshegang’!” Lo tla romelelwa aotlelaene. Diphuthego tse di tla bong di na le ketelo ya molebedi wa potologo kana kopano mo mafelobekeng ao di tla nna le puo eno e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go nna le puo e e kgethegileng pele ga April 14, 2002.
◼ Go simolola jaanong, thulaganyo ya dipeeletso tsa tlelapa e a khutlisiwa, le fa go ntse jalo, re tla romela dipeeletso tsotlhe tsa tlelapa tse di leng teng go fitlha nako ya tsone e fela. Dipeeletso tsa poso di sa ntse di le teng, mme di tshwanetse go dirwa fela ke batho ba ba leng kwa mafelong a a kwa kgakala ba ba sa kgoneng go ikgolaganya le phuthego epe.
◼ Go simolola ka makasine wa April 1, 2002, The Watchtower—Large Print e tla nna teng ka Sezulu e le kgatiso e e tswang gabedi ka kgwedi. Diphuthego di tshwanetse go romela dikopo tsa tsone ka foromo ya Kopo ya Dimakasine Tsa Phuthego (M-202).
March 2, 2002, e tla bo e le letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. Mo nakong e e fetileng, ba le bantsi ba ile ba ipelela go nna le seabe mo tirong ya Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine. Re kgothaletsa botlhe go simolola gone jaanong go dira dithulaganyo gore ba nne le seabe ka botlalo monongwaga. Diphuthego di tshwanetse go romela dikopo tsa tsone tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo kgonegang.