Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Ka mafelobeke a bofelo a January go ne ga kgakolwa Holo e nngwe ya Bogosi kwa Clernaville (Pinetown), kwa KwaZulu Natal. Phuthego eno e ne ya simololwa ka 1947 mme batho ba le 207 ba ba neng ba le teng fa e kgakolwa ba ne ba itumelela thata go bo ba fitlheletse kgato eno e e botlhokwatlhokwa ya semoya mo hisitoring ya bone jaaka phuthego. Seno se dira gore palo ya diholo tse di kgakotsweng mo ngwageng ono wa tirelo e nne 14. Ba ba sa ntseng ba tshwaragane le tiro ya go aga holo ya bone ba kgothalediwa go leka ka natla go e wetsa ka bonako, gore e kgakolwe pele ngwaga ono wa tirelo o fela.
Setlhogo sa Dikgang Tsa Puso ya Modimo sa December 2000 se ne sa bolela jaana: “Setlhopha se se Laolang se batla phuthego nngwe le nngwe e kopanela mo Holong ya yone ya Bogosi.” Ntlhakgolo fano e ne e le gore phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go kopanela mo Holong ya Bogosi, e seng gore tsotlhe di tshwanetse go nna le diholo tsa tsone. Go tla bo go ntse go siame fa Holo e le nngwe ya Bogosi e dirisiwa ke diphuthego di le tharo, di le nnè kana go feta moo. Le fa go ntse jalo, diphuthego tse di tshwarelang dipokano mo mekhukhung ya disenke kana ya dipolanka, kana kwa dikolong di tshwanetse go nna le Holo ya Bogosi.