Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela kana buka epe ya ditsebe tse 192 e e gatisitsweng ka 1986 kana pele ga moo e phuthego e nang nayo mo setokong. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisa buka ya Kitso kana boroutšhara jwa Re Direng, ka maikaelelo a go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako ka mo go kgonegang morago ga foo. Fa seno se setse se dirilwe, dira kitsiso mo phuthegong fa pego ya diakhaonto e e latelang e setse e badilwe.
◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go sekaseka tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le mongwe yo o nang le mathata a go fitlhelela diura tse di batlegang, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore a thusiwe. Go bona dikakantsho, sekaseka makwalo a ngwaga le ngwaga a Mokgatlho a S-201. Bona gape dirapa 12-20 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.
◼ Mokwaledi o tshwanetse go tlhomamisa gore Komiti ya Kago ya Kgaolo e nna e ntse e itsisiwe ka boemo jwa baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba ileng ba romela diforomo tsa Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire (S-82). Fa e le gore go na le diphetogo mo boemong jwa moithaopi, tse di jaaka fa motho a fuduga kana a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane, go tshwanetse ga tladiwa diforomo tse disha ka bonako mme di romelwe. Fa e le gore aterese ya poso kana nomoro ya thelefouno ya moithaopi e a fetoga, kana fa a sa tlhole a na le boemo jo bontle mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go itsise Komiti ya Kago ya Kgaolo ka bonako ka lekwalo.
◼ Tsweetswee ela tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2002 se tla nna ka Labone, ka March 28, fa letsatsi le sena go phirima mme e seng ka Labotlhano, March 22 jaaka go bontshitswe kwa bofelong jwa 2001 Calendar. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale gore bakaulengwe ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa go hira diholo tse di leng teng fa e le gore go na le diphuthego di le mmalwa tse di tla dirisang Holo ya Bogosi mme go tshwanetse ga batlwa mafelo a mangwe. Ka ntlha ya botlhokwa jwa tiragalo eno, fa setlhopha sa bagolwane se abela mongwe go neela puo ya Segopotso, se tshwanetse go tlhopha mongwe wa bagolwane ba ba tshwanelegang sentle go na le gore bone ba refosane fela kana ba dirisa mokaulengwe a le mongwe ngwaga le ngwaga. Go ka dirwa se se farologaneng le seno fela fa e le gore go na le mogolwane mongwe wa motlodiwa yo o nang le bokgoni yo o ka kgonang go neela puo.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara 2001 Yearbook of Jehovah’s Witnesses fa di romela diotara tsa bone tsa dikgatiso ka February. 2001 Yearbook e tla nna teng ka Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sejapane, Sentadiana, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Sexhosa le Sezulu. Go fitlhela dibuka tseno di nna teng le go romelwa, di tla tlhaga e le “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la go paka dikwalo tsa phuthego. 2001 Yearbook ke otara e e kgethegileng, se se raya gore phuthego e tshwanetse go di otara fela fa go na le mongwe yo o e batlang; motlhanka wa dibuka ga a tshwanela go e otarela phuthego e le ntsintsi. Ka gone, go tshwanetse ga bolokiwa rekoto e e siameng ya diotara tsotlhe tse di dirilweng tsa buka eno. (Bona Ditaelo Tsa Watch Tower Tsa Kopo ya Dibuka, Karolo 3.)
◼ Dikgatiso tse disha tse di leng teng:
Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I—Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sejapane, Sentadiana, Sepedi, Se-Poland, Sepotokisi, Sesotho, Seshona, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo (Kgatiso e e tlwaelegileng)—Sesotho, Setswana
O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!—Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sejapane, Sentadiana, Sepedi, Se-Poland, Sepotokisi, Sesotho, Seshona, Se-Spain, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
◼ Dikhasetse Tse Disha Tse di Leng Teng:
Kingdom Melodies No. 9 (khasetse e le nngwe)