LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/01 ts. 3-4
  • Itsiseng Leina la ga Jehofa le Ditiro Tsa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itsiseng Leina la ga Jehofa le Ditiro Tsa Gagwe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • ‘Naya Bosupi ka Botlalo Jwa Dikgang Tse di Molemo’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 2/01 ts. 3-4

Itsiseng Leina la ga Jehofa le Ditiro Tsa Gagwe

1 “Ntshetsang Jehofa ditebogo, bitsang leina la gagwe, itsiseng ditiro tsa gagwe mo ditšhabeng. . . . A pelo ya ba ba batlang Jehofa e ipele.” (Pes. 105:1, 3) Mopesalema yo o kwadileng mafoko ano o ne a itumelela thata go bolelela ba bangwe ka Jehofa le “ditiro tsa gagwe.” Ditiro dife? Ga go na pelaelo gore ke tse di amanang le bogosi jwa Modimo jo bo galalelang le “dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe.”—Pes. 96:2, 3; 145:11, 12.

2 Jaaka re atamela paka ya Segopotso sa 2001, re na le mabaka a mantsi a go ipelela tsela e Jehofa a dirisanang ka yone le rona. Jang? Kwantle ga pelaelo, Sejo sa Morena sa Maitseboa ke mokete o mogolo go e feta yotlhe wa Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Ga go na tiragalo epe e nngwe e e tshwanang le sone ka botlhokwa, ka maikaelelo, le tsela e se dirwang ka yone. Eno ke nako ya gore rotlhe re gakologelwe se Jehofa le Jesu ba se re diretseng go re naya tsela ya poloko. Ke sone se ka paka ya Segopotso re lebelelang gore tirelo ya tshimo e oketsege thata, fa re itsise “dikgang tse di molemo tsa poloko”!

3 A o Tla Nna Mmulatsela yo o Thusang? Ngwaga o o fetileng ka April batho ba le 10 126 ba ne ba ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang mo Afrika Borwa. (Botswana e ne e na le babulatsela ba ba thusang ba le 173, Lesotho ba le 237, Namibia ba le 92, Setlhaketlhake sa St. Helena ba le 11, Swaziland ba le 286.) Monongwaga, a re ka dira March le April dikgwedi tse di kgethegileng tsa go dira mo go oketsegileng mo bodireding? March e na le Matlhatso a le matlhano, April e na le Disontaga di le tlhano mme April 7 e tla bo e le Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. Baboledi ba bantsi ba ba berekang tiro ya nako yotlhe ba lemogile gore fa ba rulaganyetsa go dirisa letsatsi lotlhe mo tirelong ka mafelobeke, ba ka kgona go nna babulatsela ba ba thusang. Gore ba kgone go dira diura tse di batlegang tse 50 ka kgwedi, mmulatsela yo o thusang o tlhoka go dira palogare ya diura di ka nna 12 ka beke. Sekaseka dithulaganyo tse di akantshitsweng tse di mo lebokosong le le mo tsebeng ya 4 ka kelotlhoko. A nngwe ya tsone e ka tshwanela maemo a gago? Fa go sa nna jalo, gongwe o ka itirela thulaganyo e e tla go tshwanelang gore o tle o kgone go nna mmulatsela yo o thusang ka March le ka April.

4 Bagolwane ba tshwanetse go simolola gone jaana gore ba dire gore baboledi ba nne matlhagatlhaga e bile ba eme nokeng tirelo e e oketsegileng. Ngwaga o o fetileng mo phuthegong nngwe e mo go yone bagolwane botlhe le batlhanka ba bodiredi ba neng ba ikwadisitse go nna babulatsela ba ba thusang, baboledi ba le 64 mo go ba le 121 ba ne ba tsaya bobulatsela ka April! Gape phuthego eo e ne ya itumelela go bona baboledi ba ba sa kolobediwang ba le barataro ba simolola go bega ka March le ka April. Ee ruri, eno ke nako e e molemo go di feta tsotlhe ya gore bana le batho ba basha mo phuthegong ba botse bagolwane gore a ba a tshwanelega go simolola go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa.

5 Maiteko a a Oketsegileng a Tlisa Masego: Diphuthego tse di ipeelang mekgele e e kgethegileng le tse di dirang maiteko a a oketsegileng di ipelela masego a mantsi. Diphuthego tse dingwe di ka nna tsa batla go dira tshimo e e sa berekiweng gantsi, ba dirisa thata ditsela tse dingwe tsa go neela bosupi, kgotsa ba neela bosupi thata ka thelefounu—e leng tsela e e nang le matswela thata ya go fitlhelela batho ba ba neng ba seyo mo magaeng a bone le baagi ba go sa kgonegeng go kopana le bone.

6 A botsogo jo bo seng bontle kgotsa botsofe di tshwanetse go thibela motho ope gore a se ka a kopanela ka mo a ka kgonang ka teng mo tirelong? E seng ka dinako tsotlhe. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 86, yo o nang le bolwetse jwa kankere o ne a bula tsela ka April mo ngwageng o o fetileng, a ntse a rurugile maoto. Go neela bosupi ka thelefounu go ne ga dira gore a kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirelong, a baka Jehofa ka mo go oketsegileng. Seno se ile sa mo tlhotlheletsa ene mmogo le phuthego.

7 Baakanyetsa Segopotso Sentle: Monongwaga Segopotso se ka April 8. Ka gonne letsatsi leno e le Sontaga, go tla kgonega gore ba bantsi ba nne teng. Re ka nna le palo e e kwa godimo thata ya batho ba ba nnang teng fa re dira seabe sa rona ka (1) go nna teng rona ka borona le (2) go laletsa ba bangwe gore ba kopanele le rona kwa Segopotsong. Re tshwanetse go laletsa bomang?

8 Leba direkoto tsa gago tsa tirelo ya tshimo gore o bone maina a batho ba ba bontshitseng ka tsela e e rileng gore ba kgatlhegela boammaaruri, le fa gone o ka tswa o sa ba etele ka metlha. Dibeke tse pedi kgotsa tse tharo pele ga Segopotso, etela batho bano botlhe o tshotse taletso ya Segopotso. Fa maemo a gago a letla, bolelela ba ba ratang go nna teng gore o tla tla go ba tsaya ka koloi ya gago.

9 Mo diphuthegong tse dingwe, ga go dirisiwe ditaletso tsotlhe tsa Segopotso. Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba ntshe ditaletso go sa ntse go na le nako gore di abiwe tsotlhe. O ka nna wa rata gore kwa tlase mo taletsong o kwale sentle kgotsa o thaepe nako le lefelo la Segopotso. Kgotsa o ka nna wa tsenya le pampitshana ya taletso e e bontshang aterese ya Holo ya lona ya Bogosi fa e le gore Segopotso sa lona se tla tshwarelwa teng. E le kgakololo, gantsi ditaletso tsa Segopotso di tshwanetse go newa mong wa ntlo ka tlhamalalo.

10 Gakologelwang ba ba Tsidifetseng: Go a itumedisa fa Moithuti wa Baebele a ineela mo go Jehofa a bo a bontsha seno ka go inwa mo metsing. Le fa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga, bangwe mo go rona ba emisa go kopanela le rona, mme ba tlogela go bolelela ba bangwe ka leina la ga Jehofa le ka ditiro tsa gagwe. Re na le lebaka le le molemo la go tshwenyega. Le fa gone batho ba bantsi ba ba tsidifetseng ba sa latlha boammaaruri, ba ka tswa ba ne ba tlogela go rera ka ntlha ya go kgobega marapo, mathata a botho, kgotsa ditlhobaelo tse dingwe tsa botshelo. (Math. 13:20-22) Ba ba koafetseng semoyeng ba tlhoka thuso gore ba boele mo phuthegong pele ga ba komediwa ke tsamaiso ya ga Satane. (1 Pet. 5:8) Mo pakeng eno ya Segopotso re batla go dira maiteko a a kgethegileng gore re thuse botlhe ba ba tsidifetseng mme ba tshwanelega, gore ba kopanele gape mo go rereng dikgang tse di molemo.

11 Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go bolelela batshwari ba thuto ya buka ka batho ba ba tsidifetseng ba ba mo ditlhopheng tsa bone. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tla etelela pele go rulaganyetsa botlhe ba ba tsidifetseng maeto a bodisa. Fa go lemogiwa gore motho o ka solegelwa molemo ke go tshwarelwa thuto ya Baebele, molebedi wa tirelo o tla rulaganya gore a thusiwe, fa a sena go tlhola le maloko a mangwe a komiti ya tirelo gore ke mang a tshwanetseng go ka mo tshwarela thuto eo. Le fa gone go ka nna ga se tlhokege gore thuto e tshwarwe ka lobaka lo loleele, yo o abetsweng go e tshwara o ka bega nako, dipoelo le thuto ya Baebele.

12 Ka April mo ngwageng o o fetileng kgaitsadi mongwe yo o neng a tsamaya ka ntlo le ntlo o ne a naya lekawana lengwe dimakasine mo mmileng. O ne a tlhalosa gore mosadi wa gagwe e ne e le Mosupi yo o tsidifetseng. O ne a botsa gore Holo ya Bogosi e kae mme a laletsa kgaitsadi yono gore a ba etele ene le mosadi wa gagwe. Matswela e ne ya nna gore banyalani bano ba ne ba nna teng kwa pokanong e e latelang mme ba dumela gore ba tshwarelwe thuto ya Baebele.

13 Ipaakanyetse Tiro e e Oketsegileng! Mopesalema yo o neng a bolela gore re tshwanetse go bolela leina la ga Jehofa le ditiro tsa gagwe o ne a oketsa ka gore: “Mo opeleleng, mo leletseng pina, tlhatlhanyang ka ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di gakgamatsang. Ipelafatseng ka leina la gagwe le le boitshepo.” (Pes. 105:2, 3) A re bontsheng gore re tshwenyegile ka leina la ga Jehofa le legolo le “ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang” ka go oketsa maiteko a re a dirang mo bodireding, mme re dire gore paka eno ya Segopotso e nne e kgolo go di feta tsotlhe!

[Box on page 4]

Ditsela Tse di Farologaneng Tsa go Dira Thulaganyo ya go Dirisa Diura Tse 12 ka Beke Gore o Nne Mmulatsela yo o Thusang

Letsatsi Diura

Mantaga 1 2 − −

Labobedi 1 − 3 −

Laboraro 1 2 − 5

Labone 1 − 3 −

Labotlhano 1 2 − −

Matlhatso 5 4 3 5

Sontaga 2 2 3 2

Palogotlhe: 12 12 12 12

A o ka kgona go dirisa nngwe ya dithulaganyo tseno? Fa e le gore o ka se kgone, ke eng fa o sa itirele thulaganyo ya gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela