LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/00 ts. 1
  • Ba Bangwe ba Ikaegile ka Wena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Bangwe ba Ikaegile ka Wena
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 10/00 ts. 1

Ba Bangwe ba Ikaegile ka Wena

1 “Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: ‘Ga ke go tlhoke.’” Fa le ne le ka rialo, ke eng se se neng se tla sireletsa leitlho gore le se ka la tlhagelwa ke kotsi? Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa ditokololo tsa mmele wa motho jalo go tlhalosa ntlha ya gore rotlhe re a tlhokana mo phuthegong. E bile o ne a kwala gore “ditokololo tsa mmele tse di bonalang di le bokoanyana di a tlhokega.” Ee, re ikaegile ka ba bangwe le bone ba ikaegile ka rona, re ‘tlhokomelana ka tsela e e tshwanang’ ka gonne “re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” (1 Bakor. 12:21-27; Baef. 4:25) Akanya ka dingwe tsa ditsela tse se o se dirang se amang ba bangwe ka teng.

2 Mo Lelapeng: Banna le basadi ba ba nyalaneng ba nonotshana ka tumelo ya bone, boikemisetso le tlhoafalo e ba e bontshang, mme ka jalo ba baya mekgele ya bone ya semoya kwa pele. Ka tsela e e tshwanang, boikutlo le sekao sa batsadi se ka ama thata tsela e bana ba lebang bodiredi ka yone le e ba tsayang karolo ka yone mo bodireding le mo dipokanong tsa Bokeresete.—Još. 24:15.

3 Mo Bodireding: Matlhagatlhaga a gago a go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi a kgothatsa baboledi ba bangwe gore ba dire ka natla mo bodireding. Sekao sa gago se botlhokwa tota, fela jaaka thuso e o e nayang ba bangwe gore ba nne le karolo mo tirelong. (2 Bathes. 3:9) Babulatsela ruri ba anaanela fa o tsamaya le bone mo bodireding jwa bone. Ee, batho ba ba kgatlhegang ba o kopanang le bone mo tshimong ba lebeletse gore o boele kwa go bone mme o ba thuse gore ba bone tsela e e isang botshelong. Ga o batle go ba swabisa.

4 Mo Phuthegong: Go nna teng ga gago le go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego go kgothatsa bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi tota. Fa o sa nne teng, ga se wena fela o latlhegelwang. Ba bangwe ga ba na go solegelwa molemo ke go nna teng ga gago kwa dipokanong. Tota bagolwane ba ikaegile ka wena, fela jaaka le wena o ikaegile ka bone. Boikutlo jwa gago jo bontle le go ba ema nokeng ka go rata, go tokafatsa tiro ya bone ya go disa letsomane.

5 A re ‘tlhotlheletsanyeng loratong le ditirong tse di molemomogolo’ ka lefoko le ka ditiro. (Baheb. 10:24) Jehofa o tla re segofatsa ka ntlha ya go ikanyega ga rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela