LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/00 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 10/00 ts. 11

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Go simolola ka October 16, go tla tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36, ya “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?” November: Go tla tswelelwa go tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Diphuthego tse di berekang tshimo ya tsone yotlhe ka go tsamaisetsa mong wa ntlo mongwe le mongwe mo legaeng lengwe le lengwe kgotsa mo bonnong bongwe le bongwe khopi ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 di ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng kgotsa buka ya Kitso. Fa batho ba setse ba na le tsone, go ka tsamaisiwa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela. December: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng mmogo le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

◼ Kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e na le tsenyeletso ya “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2001” mme e tshwanetse go bewa sentle gore e tle e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2001.

◼ Fa e le gore nako ya dipokano tsa phuthego ya lona e tlile go fetoga ka January 1, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go itsise Mokgatlho ka go romela foromo ya Congregation Meeting Information (S-5). Go ka nna ga otarwa dipampitshana tse disha tsa taletso fa di tlhokiwa, ka go romela foromo ya Handbill Request (S(d)-16). Dipampitshana tsa taletso di tshwanetse go kopiwa bobotlana dibeke di le robedi pele ga nako e lo di batlang ka yone.

◼ Go simolola ka beke ya February 5, 2001, go tla ithutiwa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Diphuthego tse di tlhokang dibuka tseno di tshwanetse go di kopa mo kopong ya tsone ya dibuka e e latelang ya kgwedi le kgwedi. Pele ga dibuka tseno di nna teng mme di romelwa, di tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tsa phuthego e le “Ga di ise di romelwe.”

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa ditemana tsa ngwaga tsa 2001 mo kopong ya tsone ya dibuka ya October. E le nngwe ya tsone ke R22,00 mme sekoloto sa teng se tla tlhaga mo seteitementeng sa lona sa kgwedi le kgwedi. Fa lo duela, lo dirise Foromo ya go Romela Meneelo (S(d)-20) mme lo tshwaye “Temana ya Ngwaga” kwa thoko. Temana ya ngwaga e tla bo e le teng ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Diphuthego di ka kopa fela temana e le nngwe ya ngwaga mo puong e le nngwe. Go akantshiwa gore diphuthego di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 2001.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2001 mo kopong ya tsone ya dibuka ya October. Dibukana tseno di tla bo di le teng ka Seburu, Se-China, Sechichewa, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Sejapane, Sekwanyama, Sentadiana, Sepedi, Se-Poland, Seshona, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu. Go fitlhelela dibukana tseno di nna teng mme di romelwa, di tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tsa phuthego e le “Ga di ise di romelwe.” Dibukana tsa Go Tlhatlhoba Dikwalo ke dilwana tse di kgethegileng, mo go rayang gore di tshwanetse go kopiwa ke phuthego fela fa go na le batho ba ba di batlang; motlhanka wa dibuka a ka se ka a kopela phuthego dibuka tseo di le dintsi. Ka jalo, go tshwanetse ga bolokiwa pego e e kwadilweng sentle ya go kopiwa ga dibukana tseno. (Bona Ditaelo Tsa Watch Tower Tsa Kopo ya Dibuka, Karolo 3.)

◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go romela pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) le maitemogelo ape a a kgatlhang kwa Mokgatlhong pele ga November 16, 2000. Tlhomamisa gore go dirisiwa setempe se se tshwanelang enfelopo e kgolo.

◼ Ka Matlhatso, October 14, Legae la Bethele le feketiri di tla bo di tswetswe gore di phepafadiwe. Go tla bo go se na dithulaganyo dipe tsa go bona moago mo letsatsing leo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela