LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/00 ts. 12
  • “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsamaisa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Letsholo le le Kgethegileng ka October 16–November 12!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Go Dira mo Gontsi mo Tirong ya Morena”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • ‘Tlhoafalelang Ditiro Tse di Molemo’ ka April!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 10/00 ts. 12

“Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?”

1 Batho go dikologa lefatshe ba ntse ba ipotsa potso eo. Le fa gone batho ba fitlheletse dilo tse dintsi go ralala makgolo a dingwaga, ba swabisitswe ka gonne mathata a a sa bolong go tlhasela batho ka dikete tsa dingwaga a sa ntse a le teng. (Jobe 14:1; Pes. 90:10) Batho ba ka bona kae thuso?

2 Mo dikgweding tsa October le November, re tla nna le sebaka se se kgethegileng sa go naya baagelani ba rona karabo ya potso eo. Jang? Ka go aba pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. E na le setlhogo se se reng “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?” Mo sephatlong sa ntlha sa October, re tla tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mme go simolola ka Mantaga, October 16, go fitlha ka Labotlhano, November 17, re tla tsamaisa pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 ka selekanyo se segolo thata. Ka nako ya letsholo leno, re tla tsamaisa thata pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 mo gare ga beke. Ka mafelobeke, re tla e tsamaisa mmogo le dimakasine tsa bosheng.

3 A o Tla Nna le Seabe ka Botlalo? Bagolwane, batlhanka ba bodiredi, le babulatsela ba tla rata go di goga kwa pele mo letsholong leno, ka gonne ke bone ba ba kwa pele mo tirong. Baboledi ba bantsi ba baakantse maemo a bone gore ba nne babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi tsa fa go tsamaisiwa pampitshana eno. Ba bangwe ba rulaganyetsa go dirisa nako e e fetang e ba tlholang ba e dirisa mo bodireding.

4 Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba ka thusa go kgothatsa mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone gore a nne le seabe ka botlalo mo go tsamaiseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Go ka tswa go na le baboledi bangwe ba ba seng matlhagatlhaga mo tirong ya go rera. Bagolwane ba tshwanetse go etela batho bano mme ba bone gore go ka dirwa eng gore ba thusiwe. Gongwe go ka rulaganngwa gore mmoledi yo o nang le maitemogelo a tsamaye le motho yo o tsidifetseng mo tshimong mo dikgweding tseno. Puisano e e motlhofo ya go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 e ka nna ya bo e le sone fela se se tlhokegang gore baboledi bano ba boe ba nne matlhagatlhaga gape.

5 Seno gape e tla nna sebaka se sentle sa gore baithuti ba Baebele ba ba gaufi le go fetsa buka ya Kitso, e bile ba tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang, ba simolole go rera mo bodireding. Le ba babotlana ba ka nna le karolo mo tirong eno e e itumedisang.

6 Go tlhokega fela puisano e e motlhofo. O ka nna wa re:

◼ “Ke ithaopetse go bolelela lelapa lengwe le lengwe molaetsa ono wa botlhokwa thata mo [leina la motse kgotsa toropo]. Khopi ya gago ke eno. O e bale tsweetswee.” Go ka nna molemo gore o se ka wa tshola kgetse ya dibuka fa o tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36.

7 Dipokano Tse di Rulagantsweng Sentle Tsa Tirelo ya Tshimo: Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela gore dithulaganyo tsa go neela bosupi di siametse batho e bile di molemo. Molebedi wa tirelo segolobogolo o tshwanetse go tlhomamisa gore go na le tshimo e ntsi ya ka ntlo le ntlo le tshimo ya kgwebo gore mongwe le mongwe a tle a kopanele ka botlalo mo tirong eno. Fa go kgonega, dipokano tsa tirelo ya tshimo di tshwanetse go rulaganyediwa letsatsi lengwe le lengwe fa gare ga beke, mafelobeke le maitseboa. Go ka dirwa dithulaganyo tsa go kopana thapama gore bana ba sekolo, ba ba berekang ka dishifiti, le ba bangwe ba kgone go nna le seabe.

8 Se se Tshwanetseng go Dirwa ka Magae A a Se Nang Ope: Mokgele wa rona ke gore re bue le beng ba matlo ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Fa go se na ope mo gae fa o tlile, kwala aterese mme o tle gape ka nako e sele. Fa go direga gore ka beke ya bofelo ya letsholo leno ga o ise o kgone go fitlhela beng ba matlo ao, o ka nna wa ba tlogelela khopi ya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 fa e ka se kang ya bonwa ke batho ba ba fetang ka tsela teng. Bagolwane ba mo phuthegong ya gaeno ba ka nna ba laela phuthego gore e tlogele khopi ya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 kwa magaeng a go se nang batho la ntlha fa ba tlile fa e le gore ba dira tshimo e e sa abiwang kgotsa ya kwa magaeng, le mafelo a mangwe a a nang le tshimo e ntsi go feta e e ka dirwang ka nako ya letsholo leno.

9 A re Tshwaregeng! Diphuthego di tshwanetse go leka go bereka tshimo ya tsone yotlhe pele ga letsholo leno le fela ka November 17. Fa e le gore tshimo ya lona e kgolo thata, baboledi bangwe ba ka dira ba le bosi fa go kgonegang teng go dira jalo e bile go babalesegile. Thulaganyo eno e tla dira gore go nne motlhofo gore go fitlhelelwe batho ba ba tshwanelwang ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Tlhomamisa gore o kwale pego ya botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego.

10 Bagolwane ba tshwanetse go akanyetsa kwa pele gore phuthego e tla tlhoka dimakasine di le kae tse di oketsegileng mme ba otare go ya ka se ba se tlhokang. Mongwe le mongwe wa babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha, le ba ba thusang o tla amogela dikhopi di le 250 tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 gore a di tsamaise, mme mmoledi mongwe le mongwe wa phuthego o tla newa dikhopi di le 50. Ka jalo a o ipaakanyeditse e bile o tlhoafaletse go tshwarega mo tirong eno e e kgethegileng? A bo re na le tshiamelo jang ne ya go itsise baagelani botlhe ba rona ka se Modimo a se solofeditseng mo isagweng!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela