LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/00 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Etsa Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa o Batla Gore re Dirisane Jang Le ba Ba Dirileng Boleo jo bo Masisi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 2/00 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ A go siame go opa diatla fa go itsisiwe gore mongwe o a busediwa?

Jehofa Modimo ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato o re neetse tsela ya Dikwalo ya gore a boe gape a amogele badiraphoso ba ba ikwatlhayang mme ba busediwe mo phuthegong ya Bokeresete. (Pes. 51:12, 17) Fa seno se dirwa, re kgothalediwa go bontsha batho bano ba ba ikwatlhaileng lorato go tswa pelong.—2 Bakor. 2:6-8.

Le fa go ntse jalo, le fa go itumedisa go bona mongwe wa losika kana tsala e busediwa, re tshwanetse go didimala fa go itsisiwe gore motho yoo o busediwa mo phuthegong. Tora ya Tebelo ya October 1, 1998, tsebe 17, e ile ya tlhalosa dikgang ka tsela eno: “Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore, batho ba le bantsi mo phuthegong ga ba itse ka botlalo mabaka a a dirileng gore motho yoo a lelekiwe kana a busediwe. Mo godimo ga moo, go ka tswa go na le batho ba boleo jwa yo o ikwatlhayang bo ba amileng ka namana kgotsa bo ba utlwisitseng botlhoko—gongwe e bile ka nako e telele. Ka jalo, ka go akanyetsa dikgang tse di ntseng jalo, go a utlwala gore fa go dirwa kitsiso ya gore motho o buseditswe, ga re ne re itlhaganelela go supa gore re a mo amogela go fitlha re dira jalo re na le ene fela.”

Le mororo re itumelela thata go bona mongwe a boela mo boammaaruring, go tla bo go sa tshwanela gore re ope diatla ka nako ya fa a busediwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela