LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/00 ts. 1
  • “Rera Lefoko . . . ka Tlhoafalo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Rera Lefoko . . . ka Tlhoafalo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna O na Le Boikutlo Jwa go Potlaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Barobi ba ba Oketsegileng—Ba Tlhokwa ka Potlako!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Masimo a Masweu go ka Rojwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Go Oketsa go Neela Bosupi fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 2/00 ts. 1

“Rera Lefoko . . . ka Tlhoafalo”

1 Fa o amogela sengwe se se kwadilweng “KA TLHOAFALO,” o se leba jang? Lefoko “tlhoafalo” le kaya gore “selo se dirwe ka potlako.” Moaposetoloi Paulo o ne a na le lebaka le le utlwalang fa a ne a laela Bakeresete go “rera lefoko . . . ka tlhoafalo.” (2 Tim. 4:2) A o tsibogela seo ka go dira tiro eno ka potlako?

2 Paulo o ka tswa a ne a bolelelwa gore bangwe ba bakaulengwe ba gagwe ba ne ba aga ba ‘nyahala mo tirong ya bone’ ya Bokeresete. (Bar. 12:11) Seno se ne sa dira gore ba se ka ba atlega mo ditirong tsa bone le gore ba se ka ba bona boipelo jo ba neng ba ka bo bona ka go thusa ba bangwe.

3 Tsela e Jesu a Neng a Leba Bodiredi ka Yone: A bo Jesu a ne a itumelela go dira bodiredi jwa gagwe jang ne! O ne a bolela jaana: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” Sekao sa ga Jesu se ne sa tlhotlheletsa barutwa ba gagwe, ba a neng a ba kgothatsa ka go ba bolelela gore ‘masimo a masweu go ka rojwa.’ (Joh. 4:34, 35) Tlhoafalo e a neng a e bontsha mo bodireding jotlhe jwa gagwe e ne ya bonala sentle fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe go “[lopa] Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:38) Jesu o ne a itumelela gore thomo ya gagwe e ne e le go rera, mme o ne a ititeile sehuba gore a se ka a letla sepe go mo kgoreletsa go dira seo.

4 Go Tweng ka Rona? Gompieno, re tshwanetse go tlhoafala thata go feta le e leng pele gore re tswelele pele ka tiro ya go rera. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, masimo a siametse thobo. Tota le mo dinageng tse go lebegang di neetswe bosupi thata, go sa ntse go kolobediwa diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga. Jaaka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela ka bonako, go na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Go feta le e leng pele, go botlhokwa gore re dire ka natla fa re abela ba bangwe molaetsa wa Bogosi.

5 A re tshwaregeng thata mo tirong ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, ka ntlo le ntlo le gongwe le gongwe kwa batho ba ka fitlhelwang gone mo tshimong. Fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera, re a bo re bontsha sentle gore re beile Bogosi kwa pele mo matshelong a rona. (Math. 6:33) Fa re ikanyega re rera lefoko ka tlhoafalo re tla ipela fela thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela