Go Rera Go a Re Tlhaola
1 Batho ba le bantsi ba botsa jaana, “Basupi ba ga Jehofa ba farologane jang le ditumelo tse dingwe?” O ne o tla araba o reng? O ne o ka nna wa tlhalosa dilo dingwe tse re di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng. A mme o kile wa akanya le ka go ba bontsha kafa bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa bo re tlhaolang ka teng mo ditumelong tse dingwe?—Math. 24:14; 28:19, 20.
2 Gompieno, ke batho ba sekae fela ba bodumedi ba ba ratang go bolelela ba bangwe dilo tse ba di dumelang. Ba ka akanya gore go utlwa melao ya ga Kaesare, go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo siameng, kana go direla ba bangwe ditiro tsa bopelontle go lekane. Le fa go ntse jalo, ga ba ikutlwe ba tlhoka go thusa ba bangwe gore ba ithute se Baebele e se bolelang kaga go bolokwa. Rona re farologana jang le bone?
3 Bodiredi jwa rona jo re bo dirang re tlhoafetse bo farologane gotlhelele le ditiro tsa ditumelo tse dingwe. Go setse go fetile dingwaga di feta 100 Basupi ba motlha wa gompieno ba ntse ba rera mafoko a a molemo ka tlhoafalo go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba latela sekao sa Bakeresete ba pele. Re dira jalo boikaelelo jwa rona e le go thusa batho ba le bantsi kafa go kgonegang ka gone gore ba tshele matshelo a bone go dumalana le thato ya Modimo.—1 Tim. 2:4; 2 Pet. 3:9.
4 Wena o Itsege Jang? A o itsege o le moreri yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo? (Dit. 17:2, 3; 18:25) A tiro ya gago ya go rera e dira gore baagelani ba gago ba bone ka bofefo gore bodumedi jwa gago ga bo tshwane le jwa bone? A o itsege o le motho yo o tlhoafaletseng go bolelela batho ba bangwe tsholofelo ya gago? A o na le thulaganyo ya ka metlha ya go nna le seabe mo bodireding? Gakologelwa gore ga re itlhaole ka leina fela mme re itlhaola le ka go dira se leina leo le se tlhalosang—go neela bosupi kaga Jehofa.—Isa. 43:10.
5 Go rata Modimo le moagelani go re rotloetsa gore re dire tiro ya go rera. (Math. 22:37-39) Ke gone ka moo re batlang go dirisa sebaka sengwe le sengwe se re nang naso go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi, fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba ne ba dira. E kete re ka tswelela pele re rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo mo bathong ba ba batlang go reetsa. Go dira jalo go tla thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba ‘farologanye fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.’—Mal. 3:18.