Botlhe ba Tshwanetse ‘ba Amogela Lefoko ka Pelo Yotlhe’!
1 Dimilione tsa batho di ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. E le gore ba tshwanelege go bona botshelo jo bo sa khutleng, ba tshwanetse ‘ba amogela lefoko ka pelo yotlhe,’ jaaka go dirile ba ba 3000 ba ba neng ba ikotlhaya mme ba kolobediwa ka letsatsi la Pentekosete 33 C.E. (Dit. 2:41) Seno se baya boikarabelo bofe mo go rona gompieno?
2 Re tlhoka go thusa batho ba re ithutang le bone Baebele gore ba ineele mo go Jehofa. (1 Tim. 4:7-10) Gore re kgone go fitlhelela seo, tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, serapa 20, e akantsha jaana: “Ka nako yotlhe ya thuto, lebelela ditshono tsa go mo thusa go anaanela dinonofo tsa ga Jehofa. Mmolelele kafa wena o ratang Modimo thata ka teng. Thusa moithuti go akanya ka go nna le kamano e e lorato ya motho ka namana le Jehofa.”
3 Kgwetlho e re Lebaneng le Yone: Bontsi jwa batho, ka go bo ba tlhotlheleditswe ke bodumedi jwa maaka, ba kgotsafalela mofuta wa kobamelo e e sa ba jeleng nako e ntsi e bile e sa ba tlhoke matsapa a makalo, e sa ba tlhoke gore ba fetole tsela ya bone ya botshelo. (2 Tim. 3:5) Kgwetlho e re lebaneng le yone ke go thusa batho ba re ithutang le bone Baebele gore ba bone gore kobamelo ya boammaaruri e akaretsa go le gontsi go feta fela go nna bautlwi ba lefoko la Modimo. Ba tshwanetse go dirisa se ba se ithutang mo matshelong a bone. (Jak. 1:22-25) Fa go na le sengwe mo boitsholong jwa bone se Modimo o sa se amogeleng, ba tlhoka go lemoga gore ba tshwanetse go ‘sokologa’ mme ba dire se se siameng gore ba mo itumedise. (Dit. 3:19) Gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng, ba tshwanetse go ‘iteka ka tlhagafalo’ mme ba emele boammaaruri ka nitamo.—Luke 13:24, 25.
4 Fa o tlotla ka dikarolo tse di farologaneng tsa boitsholo, botsa motho yono yo o ithutang Baebele nae gore tota o leba jang dikgang tseno le gore o tshwanetse go dirang fa a bona gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gagwe. Lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa mokgatlhong o a ithutang boammaaruri ka one, mme o mo kgothaletse go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha.—Baheb. 10:25.
5 A re go direng mokgele wa rona go fitlhelela dipelo tsa batho ba re ithutang le bone fa re ba ruta. Re tla itumela fa re ntse re tlhotlheletsa batho ba basha go amogela lefoko la Modimo ka pelo yotlhe mme ba kolobediwa!—1 Bathes. 2:13.