Balebedi ba ba Etelelang Pele—Molebedi yo o Okamelang
1 Go direla o le molebedi mo phuthegong ke boikarabelo jo bo masisi. (Dit. 20:28; 1 Tim. 3:1) Setlhogo seno ke sa ntlha mo metseletseleng ya ditlhogo tse di tla bontshang ditiro tse di farologaneng tsa bagolwane ba Bakeresete e le gore rotlhe re ka lemoga tiro e e botlhokwa e ba re direlang yone.
2 Mokgatlho o tlhoma molebedi yo o okamelang gore a direle ka lobaka lo lo sa bewang. Fa molebedi yo o okamelang a ntse a tsamaisa dilo, seno se thusa bagolwane gore ba tlhome mogopolo mo dikabelong tsa bone. (Bodihedi jwa Rona, ts. 42) Seno se akaretsa eng?
3 Molebedi yo o okamelang o amogela makwalo a phuthego mme ka bonako fela o a neela mokwaledi gore a tlhokomelwe. Fa molebedi yo o okamelang a rulaganyetsa dipokano tsa bagolwane, bagolwane ba mo neela dikakantsho malebana le dilo tse go tlhokang go tlotliwa ka tsone a bo a kwala ajentara. Gape o direla e le modulasetulo kwa dipokanong tsa bagolwane. Fa go dirilwe ditshwetso, o tlhomamisa gore di latelwa ka tshwanelo. O okamela go baakanyediwa ga Pokano ya Tirelo le go rulaganngwa ga dipuo tsa phatlalatsa. O tlhatlhoba dikitsiso tsotlhe tse di dirwang mo phuthegong, o dumelela go duelwa ga ditshenyegelo tsotlhe tse di tlwaelegileng, e bile o tlhomamisa gore go tlhatlhobiwe diakhaonto tsa phuthego morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le tharo.
4 Jaaka modulasetulo, molebedi yo o okamelang o tlhokomela tiro ya Komiti ya Tirelo ya Phuthego. Fa moithuti wa Baebele a kopa gore a dirwe mmoledi yo o sa kolobediwang kana fa mmoledi yo o sa kolobediwang a batla go kolobediwa, molebedi yo o okamelang o rulaganya gore go nne le bagolwane ba ba tla kopanang le ene. Gape molebedi yo o okamelang o etelela pele fa go baakanyediwa loeto lwa molebedi wa potologo e le gore phuthego e solegelwe molemo ka botlalo mo bekeng e e kgethegileng.
5 Ditiro tsa molebedi yo o okamelang di dintsi e bile di farologane. Fa ka boikokobetso a dira maikarabelo a gagwe “ka tlhoafalo ya mmatota,” rotlhe re ka dira seabe sa rona ka go dirisana mmogo le bagolwane. (Bar. 12:8) Fa re ‘utlwa’ le go ‘ikobela’ ba ba eteletseng pele mo gare ga rona, ba ka dira tiro ya bone ba itumetse fela thata.—Baheb. 13:17.