Dikete Tse Masome a Marataro le Botlhano!
Eo ke palo ya baboledi e re ratang go bona e begwa ka August 1998 mono Afrika Borwa. Mo dinageng tse re agisaneng le tsone re tla rata go bona baboledi ba le 1200 ba bega kwa Botswana, 2400 kwa Lesotho, 1000 kwa Namibia, 165 kwa St. Helena le ba le 2000 kwa Swaziland. A re ka kgona go fitlhelela mekgele eno? Ee, re ka kgona! Dipalopalo tsa rona tsa bosheng tsa baboledi ba diphuthego tsa Afrika Borwa di bontsha palogotlhe ya baboledi ba le 68 451. Le fa go ntse jalo, tlhora e kgolo go gaisa tsotlhe tse re nnileng le tsone mono Afrika Borwa e ne e le ka January 1998 fa go ne go bega ba le 64 514. Ke eng se se ka re thusang go feta palo eo? Go ka kgonega fa mmoledi mongwe le mongwe a ka dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go nna le seabe mo bodireding ka August a bo a akofa go romela pego ya tiro eo. E re ka malatsi a ntlha a kgwedi eo e le Matlhatso le Sontaga, mme e bile diphuthego di le dintsi di tla bo di simolola letsholo la tshimo e e sa abiwang, ke eng fa o sa rulaganyetse go nna le seabe mo tirelong ya tshimo go tloga ka mafelobeke ao? Fa e le gore lo tla bo lo na le kopano ya potologo kana kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, o ka nna wa neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo go one mafelobeke ao o bo o nna le seabe mo tirelong ya tshimo le phuthego mo mafelobekeng a a latelang. Fa re ka simolola go sa le gale mo kgweding, ga re kitla re palelwa ke go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi ka August. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tsa August le dipego tse di sa tlisiwang tsa dikgwedi tse di fetileng di romelwa mmogo le pego ya August. Fa rotlhe re ka nna mabogodika, re ka kgona go nna le tlhora e ntšha ya baboledi ba ba fetang 65 000 e le la ntlha mono Afrika Borwa le ditlhora tse disha tsa baboledi kwa dinageng tse re agisaneng le tsone. A bo seo se tla leretse Jehofa pako e kgolo jang ne!—Pes. 47:1.