LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/98 ts. 2
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 5/98 ts. 2

Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Afrika Borwa: Mo bofelong jwa January le mo masimologong a February, go ne ga tshwarwa ditlelase di le 23 tsa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi tsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo tshimong ya lekala la rona. Bagolwane ba le 4 883 ba ne ba nna teng mo ditlelaseng tse di neng tsa tshwarwa ka Labotlhano le Matlhatso mme batlhanka ba bodiredi ba le 3 893 ba ne ba nna teng mo ditlelaseng tse di neng tsa tshwarwa ka Sontaga.

Angola: Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 35 034 ka December.

Bangladesh: Kopano ya Kgaolo ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo” e e neng e tshwaretswe kwa Dacca e nnile le batho ba ba neng ba tlile mo go yone ba le 142 mme ga kolobediwa ba le 14. Eno ke palo e e fetang gabedi palo ya batho ba ba kileng ba kolobediwa mo Bangladesh ka lekgetlo le le lengwe.

Benin: Palo ya batho ba ba neng ba tlile Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Tumelo mo Lefokong la Modimo” e nnile 15 633 mme ga kolobediwa ba le 403. Pego ya December e bontsha tlhora e ntšha ya baboledi ba le 5 351.

Liberia: Go ne ga tshwarwa kopano e e itumedisang ka December kwa Monrovia, mo go neng ga tla batho ba le 5 158. Go ne ga begwa tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 127 mo kgweding eo.

Madagascar: Ka December go fitlheletswe koketsego ya baboledi ya diperesente di le 11 go feta palogare ya ngogola, ka gore go nne le ba le 9 226 ba ba nnileng le seabe mo tirelong ya tshimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela