Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ya May: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya Tora ya Tebelo ka poso ka moneelo wa R48,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe mo go tse di tswang gangwe ka kgwedi kana ya dikgwedi di le thataro mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R24,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Dira maiteko a a kgethegileng go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa mpho e sa amogelwe. June: Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela ka moneelo wa R15,00 kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R7,50. July le August: Go ka nna ga tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La go Bo Botshelo bo le Gone ke Lefe—O ka Le Bona Jang? le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? le Will There Ever Be a World Without War? di ka nna tsa tsamaisiwa kwa go tshwanelang gone.
◼ Go tloga ka beke ya September 21, 1998, go tla balwa motseletsele wa diboroutšhara kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, go simolola ka Modimo o Batla Gore Re Direng?
◼ E re ka re sa tlhole re romela diaparo tse dintsi tse di ntshitsweng moneelo kwa makaleng a a re dikologileng, tsweetswee lo se tlhole lo ntsha moneelo wa diaparo tse di dirisitsweng gore di romelelwe kwa makaleng a mangwe go fitlha re lo itsise. Le fa go ntse jalo, fa o rata go abela lelapa la Bethele diaparo tse di siameng, tse di phepa, tse o kileng wa di apara kana tse disha, o gololesegile go dira jalo.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Lefelo le kopano ya Sevenda e tla tshwarelwang kwa go lone le fetotswe:
January 1-3, 1999: Thohoyandou