LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/97 ts. 7
  • Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1998

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1998
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe
    Tsogang!—1996
  • Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2000
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Go Ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 12/97 ts. 7

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1998

Go tsena sekolo go kaya go “rutiwa kana go katisediwa kitso e e rileng kana tiro.” Mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, re nna re ntse re thapisiwa mo kitsong ya Modimo. Gape, go nna ga rona le seabe mo sekolong seno go dira gore re tokafatse dikgono tsa rona tsa go bua le tsa go ruta. Thulaganyo ya sekolo ya 1998 e tla re neela ditshono di le dintsi tsa gore re gatele pele semoyeng.

Fa o ntse o tlhatlhoba thulaganyo ya sekolo ya ngwaga o o tlang, o tla lemoga gore gangwe le gape Puo No. 3 e tla bo e theilwe go Ditlhogo Tsa Puisano. Mo godimo ga moo, buka ya Boitumelo mo Lelapeng e akareditswe mo thulaganyong ya sekolo ya 1998, mme e tla nna e akaretswa mo Puong No. 3 le No. 4. Fa Puo No. 4 e theilwe mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, mokaulengwe o tshwanetse go e neela phuthego e le puo. Mme e le go lo gakolola, ga go na ope mo sekolong yo o tshwanetseng go ja nako.

Karolo e Ntšha: Gore re solegelwe molemo ka namana, go tsentswe “Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele o o Oketsegileng” mo masakaneng fa thoko ga nomoro ya pina mo bekeng nngwe le nngwe. Le fa gone go se na dikarolo dipe tsa thulaganyo ya sekolo tse di thailweng mo go yone, go dire mokgele wa gago go e latela. Seno se tla dira gore o tlwaele go bala Baebele letsatsi le letsatsi fa o ise o dire jalo.

Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga dipuo, kgakololo le ditlhatlhobo tse di kwalwang, tsweetswee bala ka kelotlhoko ditaelo tse di fitlhelwang go “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1998,” mmogo le tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996.

Fa o ise o ikwadise mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, re go laletsa gore o ikwadise gone jaanong. Sekolo seno se se sa tshwaneng le sepe se nna se ntse se dira karolo e e botlhokwa go thapisa batlhanka ba ba boikokobetso le ba ba ineetseng ba ga Jehofa go nna badiredi ba ba tshwanelegang sentle.—1 Tim. 4:13-16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela