LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/97 ts. 1
  • Ba ba Godileng ba Rera ba sa Kgaotse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ba Godileng ba Rera ba sa Kgaotse
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Re ka Tswelela re Itumetse Le fa Re Tsofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tsaya Bakeresete ba ba Godileng ba le Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Kgalalelo ya Botlhogopududu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 8/97 ts. 1

Ba ba Godileng ba Rera ba sa Kgaotse

1 Fa batho ba ntse ba gola, bontsi jwa bone ba lebeletse pele nakong e ba tla tlogelang tiro ya bone ya go itshedisa mme ba tshele botshelo jwa boiketlo mo dingwageng tsa bone tse di setseng. Ba ka nna ba ikutlwa gore ba berekile thata mme jaanong ba tlhoka go ikhutsa. Kana ba ka nna ba batla go itumelela botshelo fela mo dingwageng tsa bone tse di setseng tsa botshelo.—Luke 12:19.

2 Jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, re na le pono e e farologaneng ka botshelo. Re itse gore ga re ka ke ra iketla mo tirelong ya Modimo. Pono ya rona e farologane ka gonne re na le “tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” (Juda 21) Kitso le maitemogelo tse motho a di kgobokantseng mo dingwageng di ka tokafatsa temogo le botlhale jwa motho. Seno se ka dira gore motho a nne botlhale le go feta mme a nne tekatekanyo thata e bile a bontsha gore o anaanela botshelo thata. Dinonofo tseno di solegela motho molemo thata fa a le modiredi wa dikgang tse di molemo.

3 Go tsofala ga se go gola ka dingwaga fela; mme go akaretsa gape le tsela e motho a ikutlwang ka teng mo mogopolong. Fa o lebeletse go tshela nako e telele mme o leka go nna o lebega o le mosha, go ka kgonega thata gore o fitlhelele dilo tseno tse pedi. Batho ba ba tsofetseng ba ka tokafatsa matshelo a bone ka go oketsa kitso ya bone ya semoya le ka go e bolelela le ba bangwe.—1 Bakor. 9:23.

4 Dikai tsa Mmatota mo Botshelong: Fa a le dingwaga di le 86, kgaitsadi mongwe o ne a re: “Fa ke tlhatlhanya ka dingwaga tse 60 tse di fetileng e sa le ke ithuta boammaaruri, ke itumedisiwa ke tsholofetso e e ikanyegang ya Modimo. Ee, Jehofa yo o dirisanang ka boikanyego jo bo nitameng le ba ba ikanyegang ka nitamo o dira gore re bone boitumelo jo bogolo.” (Pes. 18:25) Mokaulengwe mongwe yo o tsofetseng o gakologelwa ka tsela eo a neng a amiwa thata ke loso lwa mosadi wa gagwe ka yone, mme botsogo jwa gagwe bo ne jwa koafala thata morago ga moo. O ne a re: “Le fa go ntse jalo, ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa, ke ne ka tokafala thata mo ke ileng ka kgona go tsenela tirelo ya babulatsela dingwaga tse pedi morago ga moo. A bo ke leboga Jehofa thata jang ne gore boitekanelo jwa me bo ne jwa tokafala thata fa ke ne ke nna le seabe se segolwane mo tirelong ya go rera!”

5 A bo go kgothatsa jang ne go bo ba le bantsi ba ba ba godileng ba ikemiseditse go tswelela ba rera go ya bokgakaleng jo boitekanelo le maatla a bone a ba letlang ka gone—ba sa tlogele! Ba na le lebaka le le molemo go ka bua jaana: “Modimo o sa le wa nna wa nthuta le mo bokaung jwa me, ke ntse ke bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, nako e sa le eno.”—Pes. 71:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela