LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/97 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 7/97 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ka July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Kwa tshimong e e sa abiwang: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00 le buka e kgolo ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. September: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka moneelo wa R4,00. October: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R48,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kgotsa peeletso ya dikgwedi tse thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R24,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Dira maiteko a a kgethegileng go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa mpho e sa amogelwe. Go tla tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 go ela kwa bofelong jwa kgwedi.

◼ Go simologa ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ka setlhogo se se reng “Ikanye Maatla a a Bolokang a ga Jehofa.”

◼ Diphuthego di gakololwa go otora diforomo tse di lekaneng tse di tla di dirisang mo ngwageng wa tirelo wa 1998. Diforomo tseno ga di a tshwanelwa go senngwa; di tshwanetse go dirisediwa tiro ya tsone fela.

◼ Mokgatlho o amogela makwalo a le mantsi a a sa kwalwang mo enfelopong aterese ya moromedi. Go thusa ba lephata la Post Desk, tsweetswee kwala sentle mo enfelopong leina le nomoro ya phuthego ya lona, kana fa e le lekwalo la motho ka namana, kwala leina la gago le aterese e le ka busetswang kwa go yone.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Letlha le lesha la kopano e e latelang ya kgaolo ke: December 26-28: KaNyamazane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela