Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00. Tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa Baebele. July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Kwa tshimong e e sa abiwang: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00 le buka e kgolo ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dinnye tsone ke R4,00. September: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka moneelo wa R4,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bonako fela morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.
◼ Bethele e tlhoka ka potlako moitse wa motlakase wa dikoloi. A o fa gare ga dingwaga tse 19 le 35, o sa nyala, kana fa o nyetse, o se na ba o ba tlhokomelang? A o ka ithaopela tshiamelo e e sa tshwaneng le epe ya go direla kwa Bethele? Tsweetswee founela kana kwalela Mokgatlho fa o ka ithaopela seno.
◼ TSWEETSWEE TLHOKOMELANG: Matlha a masha a dikopano tsa kgaolo tse di latelang ke a:
December 12-14: George, Germiston, Johannesburg
December 19-21: Durban (Seesemane), Pretoria, Soweto (Sezulu)
December 26-28: Durban (Sezulu), Soweto (Sesotho)
January 2-4, 1998: Soweto (Sezulu)